African Storybook
Menu
Ke mang a ka balang go fitlha go lesome?
Lorato Trok
Salim Kasamba
Setswana
Bogologolotala, mo gare ga sekgwa, Kgosi Lengau o ne a simolola go akanya ka isago ya gagwe.

"Ke a tsofala mme ka letsatsi lengwe, ke tlile go swa. Mmusi yo o botlhale o tshwanetse go tlhopha yo o mo salang morago fa a ntse a le moša a itekanetse," a kanya.

Fela Kgosi Lengau o tla tlhopha jang? O ne a rata maloko otlhe a diphologolo tsa bogosing ka go lekana.
Kgosi Lengau o ne a na le kakanyo. O ne a romela baromiwa ba gagwe kwa dikgweng. O ne a ba bolelela gore ba kope diphologolo tsotlhe tsa bogosing go tla kopanong kwa mošate.

O ne a ya go nna le moletlo o mogolo go dira kitsiso ya botlhokwa.

Baromiwa ba ne ba taboga, ba ya dikhutlong tsotlhe tse nne tsa sekgwa.
Mo bosigong jwa moletlo, diphologolo tsotlhe di ne di le kwa mošate. Di ne tsa opela, tsa bina mme tsa nna le nako e e itumedisang.

Fa letsatsi le tikela, Kgosi Lengau a ema mo gare ga lebala. Diphologolo tsa emisa go opela le go bina. Tsa reetsa ka kelotlhoko fa kgosi ya tsona e simolola go bua.
A phepafatsa kgokgotso mme a re, "Ke ntse ke akanya gore ke nako gore ke tlhophe moeteledipele yo o latelang. Mme ka gonne ke lo rata lotlhe ka go lekana, ga ke kgone go netefatsa gore ke mang wa lona yo o tla ntshalang morago. Ka jalo, ke netefaditse gore kgaisano e ntseele tshwetso."
Kgosi Lengau a tsholetsa lerumo. A re, "Wa ntlha mo gare ga lona o o tla latlhela lerumo le mo loaping mme a bala go lesome pele ga le fitlha fa fatshe, e tla nna ena."
Fa Kgosi Lengau a fetsa go bua, diphologolo tsa utlwa modumo o mogolo mo morago ga tsone. Tsa retologa mme tsa bona Tlou a tsamaya ka boganka mo gare ga setlhopa a ya kwa pele.

"Tswang mo tseleng ya me. Ke nna yo mogolo thata, ke tshwanetse go nna kgosi," Tlou a rialo.
Tlou a tsaya lerumo mme a le tsholetsa ka nko ya gagwe. A busetsa tlhogo ya gagwe kwa morago mme a latlhela lerumo mo loaping. "Nngwe! Pedi! Tharo! Ijoo!" Tlou a lela.

Lerumo la wela mo fatshe fa a bala nne. Tlou o ne a tenegile mme a simolola go gatakaka. "O ntse le tšhono ya gago," Kgosi Lengau a mmolelela.

Ka jalo Tlou a tshwanelwa ke go tsamaya.
Fa Tlou a fetsa go tsamaya, diphologolo tsa simolola go buisana magareng ga tsone di itumetse. Mme gape di ne tsa tshwenngwa ke modumo o mogolo o tswa kwa morago ga tsone.

Kolobe ya naga ya tla ka lobelo ya re, "Tswang mo tseleng ya me. Tswang mo tseleng ya me. Ke tlile go nna kgosi. Ke na le mesifa e megolo go gaisa. Ke maatla go gaisa. Ke tshwanetse go nna kgosi."
Kolobe ya naga ya boela kwa morago, ya tshwarelela lerumo thata, mme a le latlhela mo loaping. "Nngwe! Pedi! Tharo! Nne! Tlhano! Ijoo!" a goa.

Lerumo la wela fa fatshe ka palo ya borataro. O ne a tenegile thata. O ne a šakgetse mme a pheulela mmu o montsi mo moweng.

"Kolobe ya naga, o latlhetse gangwe fela mme o ntse le tšhono ya gago," Lengau a mmolelela. Kolobe ya naga ya tshwanelwa ke go tsamaya.
Morago ga moo, diphologolo tsa simolola go bua dilo tsa go tshwana le, "Kgaisano e e boima! Tlou ga a kgona go dira se, mme o mogolo thata. Le Kolobe ya naga ga a kgona, mme o na le maatla. Ga go ope yo o ka fenyang kgaisano e!"

Ka yone nako eo, ba utlwa modumo o mongwe o tswa kwa morago ga bone. Fa diphologolo di lebelela kwa morago, di ne di sa dumele matlho a tsone.
Di ne tsa bona Kgabo e kgolo e tla kwa pele. Fa Kgabo e tsamaya, e ne e ntse e re, "Nka dira se. Ke a itse gore nka se dira. Nka dira se."

Kgabo a tsaya lerumo mme a boela kwa morago. A gogela letsogo la gagwe kwa morago, a tabogela kwa pele, a tlolela mo moweng mme a latlhela lerumo mo loaping.

"Nngwe! Pedi! Tharo! Nne! Tlhano! Thataro! Supa! Ijoo!" Kgabo a lela.
Lerumo la wela fa fatshe ka palo ya borobedi.

Kgabo o ne a galefile. O ne a tenegile thata mme a simolola go retologa, a ngongorega mme a tla ka maipato otlhe.

Fela Kgosi Lengau a re, "Nnyaa, Kgabo, o bona fela tšhono e le nngwe." Ka jalo Kgabo ya tshwanelwa ke go tsamaya.
Dingwe tsa diphologolo tsa simolola go retolaga di tsamaya. Fa di ntse di tsamaya, tsa bona Tshepe e nnye e feta mo gare ga setlhopha. Fa e ntse e tsamaya, e ne e ntse e re, "Letang, letang. Tla ke leke. Nka dira se. Nka dira se. Tla ke leke."

Fa diphologolo di utlwa mantswe a gagwe, tsotlhe tsa simolola go tshega.
Kgosi Lengau a tlola mme a goa ka kgalefo, "Emisang seo! Se tshegeng Tshepe. Ke mang a ka reng diphologolo tse dinnye ga di kgone go dira se diphologolo tse dikgolo di se kgonang? Fa Tshepe a batla go nna le tšhono, o tla fiwa tšhono fela jaaka diphologolo tse dingwe di e neetswe. Ka jalo emelang kwa morago mme lo letleng Tshepe go latlhela lerumo."
Tshepa a koba tlhogo fa pele ga Kgosi ya gagwe, a retologa mme a tswhara lerumo ka molomo wa gagwe. A boela kwa morago, mme ka maatla otlhe a mmele wa gagwe o monnye a simolola go taboga. Fa a fitlha mo bogareng jwa lebala, a tlolela kwa godimo.

A goga mowa, a golola lerumo mme a goa, "Tlhano le tlhano ke lesome." Lerumo la wela mo fatshe.
Diphologolo tsotlhe di ne di didimetse. Di ne di tsietsegile.

Kgosi Lengau a tlhalosa, "Ee Tshepe! Tlhano o mo tlhakanya le tlhano ke tsela e nngwe go fitlha go lesome. Go na le ditsela tse dintsi go bala go fitlha go lesome."

Kgaisano e ne e se go bona phologolo e kgolo thata kgotsa e e maatla thata. E ne e le kgaisano ya go bona phologolo e e botlhale go gaisa! Ke ka moo Tshepe e ntseng Kgosigadi morago ga loso la Lengau.
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Ke mang a ka balang go fitlha go lesome?
Author - Athieno Gertrude and Owino Ogot
Translation - Lorato Trok
Illustration - Salim Kasamba
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs
© African Storybook Initiative 2017
Creative Commons: Attribution 4.0
Source www.africanstorybook.org
Menu
  • Navigate

    Navigate through the story by swiping right or left or clicking when the cursors changes to an arrow on the right or the left edge of the screen.

    Tap or click on the centre of the page to see, or remove the menu bars at the top and the bottom of the screen. You can also use the ESC key.

    You can use the slider at the bottom as a way to move quickly through the story. On a mobile device tap on the slider before you drag the slider button.

    Click or tap to return to African Storybook.

  • Share
    If you have a Twitter or Facebook account, you can share this story on your page or a page you manage. You can also copy the web link (URL) for this story.
    • Twitter
    • Facebook
    • Url
  • Rate
    Other visitors rated this story

    Tell us how much you liked the story – drag the scroller to highlight one or more stars
    • Submit
  • Comment
    Read other people’s comments on the story, or add your own.
    • Enter your comment
    • Name
    • E-mail
    • Post
  • Translations and adaptations
    • Ndiani anogona kuverenga kusvika ku gumi?
      ChiShona (Translation)
    • Kodi nindani angawelenge kufika kumi?
      CiNyanja (Translation)
    • Ŋa Ma Nyalo Kwano Kir Iy Apar?
      Dhopadhola (Original)
    • Ning'o orobare goika ikomi?
      Ekegusii (Translation)
    • Who can count to ten?
      English (Translation)
    • Who is the next ruler?
      English (Adaptation)
    • Moye waawi limugo haa sappo?
      Fulfulde Mbororoore (Translation)
    • Ninaani engapeenda ukufika kucipendo ikumi?
      IciBemba (Translation)
    • Ngubani ongabala afike eshumini?
      isiZulu (Translation)
    • Nũũ ũmba gũtara mwanka ĩkũmi?
      Kῖmῖῖrũ (Translation)
    • Nũũ ũtonya kũtala nginya ĩkũmi?
      Kikamba (Translation)
    • Ni nani atakuwa mfalme?
      Kiswahili (Translation)
    • Nani atahesabu mpaka kumi?
      Kiswahili (Translation)
    • Nani akoki kotanga tii na zomi?
      Lingala (Translation)
    • Nanu onyala khuubala koola liikhumi?
      Lubukusu (Translation)
    • Naani omufuzi anairirira?
      Lusoga (Translation)
    • Ng'ai imari tanang ng'atomon?
      Ng’aturkana (Translation)
    • Ne wina ounyala okhubala okhula ekhumi?
      Oluwanga (Translation)
    • Ni ga adze t̯ala mpaka kumi?
      Pokomo (Translation)
    • Quem pode contar até dez?
      Portuguese (Translation)
    • Ke mang yo a ka balago go fihla go lesome?
      Sepedi (Translation)
    • Ke mang ya ka balang ho fihla ho leshome?
      Sesotho (South Africa) (Translation)
    • Ndi nnyi ane a nga vhala u swika kha fumi?
      Tshivenḓa (Translation)
  • Download to read
    Landscape version
  • Download to print
    Portrait (booklet) version
  • Download EPUB