African Storybook
Menu
Magozwe
Lorato Trok
Wiehan de Jager
Setswana
Kwa toropo-kgolong e e pheteselang ya Nairobi, kgakala le botshelo jo bo bothito jwa kwa gae, go ne go dula basimane ba kwa mebileng. Ba ne ba amogela letsatsi le lengwe le lengwe jaaka le ne le tlhaba. Moso mongwe basimane ba ne ba mena meseme ya bona fa ba tsoga. Ba ne ba robala mo fatshe mo samenteng se se maruru. Ba ne ba gotsa molelo ka matlakala go leleka serame. Mo setlhopeng se sa basimane, go ne go nale mongwe a bidiwa Magozwe. O ne a le monnye mo go bone.
Batsadi ba ga Magozwe ba tlhokafetse a na le dingwaga tse tlhano fela. O ne a ya go dula le malomagwe. Monna yo o ne a sa kgathalele ngwana. O ne a sa fe Magozwe dijo sentle. O ne a mo berekisa jaaka lekgoba.
Fa Magozwe a ne a ngongorega kgotsa a botsa dipotso, o ne a itewa botlhoko. Fa Magozwe a ne a botsa gore a ka ya sekolong, malomagwe o ne a mo itaya mme a re, "O sematla se segolo gore o ka ithuta sengwe." Morago ga dingwaga tse tharo tsa tshotlakako e, Magozwe o ne a tshaba. O ne a simolola go dula kwa mebileng.
Botshelo jwa mebila bo ne bo le thata mme go ne go le thata mo basimaneng go bona fela sa go ja. Ka matsatsi mangwe ba ne ba tshwarwa, matsatsi mangwe ba ne ba itewa. Fa ba ne ba lwala, go ne go se kwa ba ka bonang thuso teng. Setlhopa se sa basimane se ne se tshela ka madinyana a ba neng ba a bona ka go kopa, le go rekisa dipolasetiki le dilo tse di ka dirisiwang gape. Botshelo bo ne bo le bokete thata ka ntlha ya dintwa magareng ga basimane ba ba neng ba batla go laola dikarolo dingwe tsa toropo-kgolo.
Ka letsatsi lengwe fa Magozwe a ntse a batlana le dijo mo matlakaleng, o ne a bona buka e e gagogileng ya dipadi. O ne a e ntsha leswe mme a e tsenya mo kgetsaneng ya gagwe. Letsatsi le lengwe le lengwe morago ga moo, o ne a ntsha buka e mme a lebelela ditshwantsho. O ne a sa itse go buisa mafoko.
Ditshwantsho tsa padi e, di ne di bua ka ga mosimane yo o neng a gola go nna mofofisi wa sefofane. Magozwe o ne ka gale a lora gonna mofofisi wa sefofane. Ka matsatsi a mangwe, o ne a ipona e le ena mosimane yo o mo pading.
Go ne go le maruru thata mme Magozwe o ne a eme mo thoko ga tsela a kopa. Monna mongwe a tla kwa go ena. "Dumela, ke nna Tomase. Ke dira gaufi le fano, kwa tulong e o ka bonang dijo teng," ga rialo monna yo. A supa ntlo e e serolwane e e nang le marulelo a botala jwa legodimo. "Ke tshepa gore o tla ya moo go ya go batla dijo?" monna yo a botsa. "Ka gongwe," a bua a tsamaya.
Fa dikgwedi di ntse di tsamaya, basimane ba ne ba tlwaetse go bona Tomase moo. O ne a rata go bua le batho, bogolo-segolo batho ba ba dulang mo mebileng. Tomase o ne a reetsa dipadi tsa matshelo a batho. O ne a a le pelo-telele, ebile a le maitseo. Basimane ba bangwe ba ne ba simolola go ya kwa ntlong e e serolwane go ya go batla dijo tsa motshegare.
Magozwe o ne a dutse mo thoko ga tsela a lebeletse buka ya ditshwantsho fa Tomase a tla go dula mo thoko ga gagwe. "Padi e e bua ka eng?" ga botsa Tomase. "Ke ka mosimane yo o nnang mofofisi wa sefofane," ga araba Magozwe. "Leina la mosimane ke mang?" ga botsa Tomase. "Ga ke itse, ga ke itse go buisa," ga rialo Magozwe a buela kwa tlase.
Fa ba kopana, Magozwe o ne a simolola go bolelela Tomase ka ga botshelo jwa gagwe. E ne ele ka ga malomagwe le gore goreng a tshabile. Tomase o ne a sa bue thata, ebile o ne a sa bolelele Magozwe gore a dire eng, mme o ne a reetsa ka tlhoafalo ka dinako tsotlhe. Ka dinako tse dingwe ba ne ba bua fa ba ntse ba ja kwa ntlong ya marulelo a botala jwa legodimo.
Go isa kwa matsatsing a botsalo jwa ga Magozwe jwa dingwaga tse lesome, Tomase o ne a fa Magozwe buka. E ne e le padi ka ga mosimane wa kwa magaeng yo o golang go nna setshameki se se itsegeng sa kgwele ya dinao. Tomase o ne a buisetsa Magozwe padi eo makgetho a mantsi, go fitlhela letsatsi lengwe a re, "Ke akanya gore ke nako ya gore o tsene sekolo o ithute go buisa. Wena o akanya eng?"  Tomase a tlhalosa gore o itse tulo e bana ba ka dulang teng le go ya sekolong.
Magozwe o ne a akanya ka tulo e ntšhwa e, le ka go ya sekolong. Ka gongwe malomagwe o ne a bua nnete mme ke sematla fela se se sa kgoneng go ithuta sepe? Fa a ka fitlha a itewa kwa tulong e ntšhwa? O ne a tshogile. "Ka gongwe go botoka ke nna gona mo mebileng," a akanya.
O ne a bolelela Tomase letshogo la gagwe. Ka dinako tsotlhe Tomase o ne a tshepisa mosimane gore botshelo bo tla tokafala kwa tulong e ntšhwa.
Jaanong Magozwe a ya go dula kwa phaposing ya ntlo ya marulelo a a serolwane. O ne a dula le basimane ba bangwe ba babedi. Bana ba ba neng ba dula kwa ba ne ba le lesome. Gammogo le mmangwane Puleng le monna wa gagwe, dintšwa tse tharo, katse le podi ya motsofe.
Magozwe o ne a simolola sekolo mme go ne go le boima. O ne a saletse kwa morago thata. Ka dinako tse dingwe o ne a batla go ineela. Mme fela a akanya ka mofofisi wa sefofane le motshameki wa kgwele ya dinao mo dipading. Jaaka bona, o ne a seka a ineela.
Magozwe o ne a dutse mo jarateng kwa ntlong ya marulelo a a serolwane, a buisa buka ya dipadi go tswa kwa sekolong. Tomase o ne a tla go dula mo thoko ga gagwe. "Padi e e bua ka eng?" ga botsa Tomase. "Ke ka mosimane yo o nnang morutabana," ga araba Magozwe. "Leina la mosimane ke mang?" ga botsa Tomase. "Leina la gagwe ke Magozwe," ga rialo Magozwe ka monyebo.
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Magozwe
Author - Lesley Koyi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - Read aloud
© African Storybook Initiative 2015
Creative Commons: Attribution 4.0
Source www.africanstorybook.org
Menu
  • Navigate

    Navigate through the story by swiping right or left or clicking when the cursors changes to an arrow on the right or the left edge of the screen.

    Tap or click on the centre of the page to see, or remove the menu bars at the top and the bottom of the screen. You can also use the ESC key.

    You can use the slider at the bottom as a way to move quickly through the story. On a mobile device tap on the slider before you drag the slider button.

    Click or tap to return to African Storybook.

  • Share
    If you have a Twitter or Facebook account, you can share this story on your page or a page you manage. You can also copy the web link (URL) for this story.
    • Twitter
    • Facebook
    • Url
  • Rate
    Other visitors rated this story

    Tell us how much you liked the story – drag the scroller to highlight one or more stars
    • Submit
  • Comment
    Read other people’s comments on the story, or add your own.
    • Enter your comment
    • Name
    • E-mail
    • Post
  • Translations and adaptations
    • Magozwe
      Afrikaans (Translation)
    • Magozwe
      Akuapem Twi (Translation)
    • ماقزوي
      Arabic (Translation)
    • Magozwe
      Asante Twi (Translation)
    • Magozwe
      ChiTonga (Translation)
    • Magozwe
      CiNyanja (Translation)
    • Magozwe
      Dagaare (Translation)
    • Magozwe
      Dagbani/Dagbanli (Translation)
    • Mokasa
      Dangme (Translation)
    • Magozwe
      English (Original)
    • Magozwe (Colour-in)
      English (Adaptation)
    • Magozwe
      Ewe (Translation)
    • Magozwe
      Fante (Translation)
    • Magozwe
      French (Translation)
    • Ankamafio
      Ga (Translation)
    • Magozwe
      Gonja (Translation)
    • Magozwe
      IciBemba (Translation)
    • UMagozwe
      isiNdebele (Translation)
    • UMagozwe
      isiXhosa (Translation)
    • Mhlaba ngiyakuhlonipha
      isiZulu (Translation)
    • Magozwe
      Kasem (Translation)
    • Magorwa
      Kinyarwanda (Translation)
    • Magozwe
      Kiswahili (Translation)
    • Magozwe
      Kiswahili (Adaptation)
    • Magozwe apata makao mapya
      Kiswahili (Adaptation)
    • Magozwe
      Mampruli (Translation)
    • Magozwe
      Nzema (Translation)
    • Magozwe
      Portuguese (Translation)
    • Magozwe
      Sepedi (Translation)
    • Magozwe
      Sesotho (South Africa) (Translation)
    • Magozwe
      SiLozi (Translation)
    • Wonkhe umuntfu uneliphupho
      Siswati (Translation)
    • Magozwe
      Talen (Translation)
    • Magozwe
      Tshivenḓa (Translation)
    • Mahewu
      Xitsonga (Translation)
  • Download to read
    Landscape version
  • Download to print
    Portrait (booklet) version
  • Download EPUB