Dikatse tsa ga Selemeng
Khothatso Ranoosi
Marleen Visser

Selemeng o rata dikatse. Go na le dikatse tse dintsi kwa ntlong ya gagwe.

1

Selemeng o na le katse e ntsho e le nngwe. Katse e, e ja nama e ntsi.

2

Selemeng o na le katse e le nngwe e e nonneng. Katse e, e ja sengwe le sengwe.

3

Katse ya boraro, e tabogela kwa godimo ga setlhare. Katse e, e palelwa ke go fologa mo setlhareng.

4

Selemeng o palama setlhare. O palelwa ke go fologa le katse ya boraro. Mmaagwe Selemeng o tshwanetse go ba thusa go fologa.

5

Selemeng o na le dikatse tse pedi tse di botswa. Di rapama kwa ntle mo letsatsing motshegare otlhe.

6

Selemeng o na le dikatse tse tharo tse di matlhagatlhaga. Di tshwara dikatse mo boapeelong bosigo.

7

Selemeng o na le ntšwa e le nngwe. Leina la yone ke Lirafi. Lirafi ga a na ditsala. O tlhoafetse.

8

Dikatse tsa ga Selemeng ga di rate Lirafi. Di mo kobela kwa ntle. Lirafi o a tshaba.

9

Selemeng o bona Lirafi mme o mo tlisa gae. Dikatse ga di a itumela. Ga di batle go bona Lirafi gape.

10

Selemeng o na le dikatse tse kae? O na le dikatse tse robedi.

11

Selemeng o na le dintšwa tse kae? O na le ntšwa e le nngwe. Lirafi o kae jaanong?

12

O na le dikatse tse kae kwa gae? O na le dintšwa tse kae kwa gae?

13
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Dikatse tsa ga Selemeng
Author - Khothatso Ranoosi, Marion Drew
Translation - Lorato Trok
Illustration - Marleen Visser, Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First sentences