Letsatsi la Lamatlhatso le le mogote
Nombulelo Thabane
Wiehan de Jager

E ne e le Lamatlhatso motshegare, mme go ne go le mogote thata. Kgwedi ya Sedimonthole e mogote. Batho botlhe ba ne ba lapile. "Bontle le Mpho le Lerato, tsamayang lo ye go tshameka kwa ntle!" Mme a rialo. "Ga ke lo batle mo thoko ga maoto a ka."

1

Re ne ra tabogela kwa ntle. Lerato a re, "Kwa nokeng go phodile, a re yeng kwa teng." "Mme o rile re se tlhole re thuma mo nokeng," ga rialo Bontle. "Re ka se thume," ga araba Lerato. "Re tla tshameka fela mo moriting fa thoko ga noka."

2

Le fa go le jalo, 'dibeke' ke motshameko o o gotetsang, le fa o ka nna mo tlase ga ditlhare kana mo thoko ga noka. Re simolotse pele ka go rola ditlhako. Fela re ne re ntse re gotela. Ra apola diaparo tsa rona. Fela mogote o sa fokotsege.

3

Ra tsenya maoto a rona mo metsing go itsidifatsa. Ra tshelana ka metsi go fitlhela re koloba.

4

"A re thumeng, Mme a ka se itse," Mpho a rialo. Re ne ra thuma ra ba ra lebala ka nako.

5

Letsatsi le ne la phirima, mme ra simoloa go gatsela. Diaparo tsa rona di kae?

6

Re ne ra lebelela ka fa tlase ga ditlhare. Ra lebelela mo dikgweng. Re lebeletse gotlhe.

7

Go ne go le dikgomo gaufi le noka, di itumeletse bojang bo bo monate. Bontle o ne a lebelela godimo, "Bonang kgomo e le! Ke eng se se mo molomong wa yona?"

8

"E ja palesa e e khibidu," ga araba Lerato. "Ga se palesa e khibidu," Mpho a goa. "Ke hempe ya gago!" Re ne ra lebelela kgomo e nngwe. E ja sengwe se se tala. "Ke sekete sa me!" ga goa Bontle.

9

Re ile gae re apere dipenti fela, re roroma ka gonne go le tsididi. "E ne e le dikgomo, ra lela. Dikgomo di jele diaparo tsa rona." A gona Mme o ne a re dumela? Morago ga sebakanyana ke fa marago a rona a gotetse. A ne a sa gotela ka ntlha ya letsatsi.

10
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Letsatsi la Lamatlhatso le le mogote
Author - Nombulelo Thabane, Tessa Welch
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs