Go bala dikhabetšhe
Penelope Smith
Magriet Brink

Mama K o ne a kotula dikhabetšhe beke yotlhe. Doobie, Maya le Duksie ba thusa Mama K mo tshimong ya gagwe ya merogo mo mesong ya Lamatlhatso. Gompieno bana ba tlile go thusa ka go bala le go paka dikhabetšhe. Jaanong Baba K o tla tsaya mabokoso a dikhabetšhe go ya go rekisa kwa marekisetsong.

1

Tekesi e tlogela bana kwa hekeng ya tshimo. Ba kgona go bona mokoa o mogolo wa dikhabetšhe o kokoane mo thoko ga lori e e tsofetseng ya ga Baba K. "Ijo! A dikhabetšhe tse dintsi!" Maya a bua a supa. "E tshwanetse e be e le dikhabetšhe tse sekete mo le!" Duksie a tshega. "Nnyaa! E ka nna bonnye tse makgolo a mabedi!" Doobie a ganetsa.

2

Mama K o ba letile kwa hekeng. "Dumelang, ke itumelela go lo bona!" a dumedisa bana. "Jaanong a re simololeng go dira. Lo tlile go tlhoka go bala dikhabetšhe mme lo di tsenye mo mabokosong, dikhabetšhe di le 12 mo bokosong nngwe le nngwe. Ke nale mabokoso a le 20. Mongwe le mongwe wa lona a ka paka mabokoso a le 7 mme mongwe wa lona a ka paka a le 6.

3

Bana ba ema go potologa mokoa wa dikhabetšhe. Ba bua ka ga ditsela tse di farologaneng tsa go bala dikhabetšhe. "Ke akanya gore ke tla bala tsa me ka bobedi," Maya a rialo. "Ke rata go bala ka bone," ga bua Duksie, "go bonako."

"Nna ke ya go bala ka boraro, fela gore ke farologane!" Doobie a bua.

4

Ka nakwana bana ba ne ba tladitse mabokoso a le 20. "Tiro e ntle!" Mama K a tshwaela. "Lebelela, go na le dikhabetšhe tse di setseng. Dikolobe tsa me di rata dikhabetšhe ka jalo a re aroganeng tse le tsona," a tshitshinya. "Lo pakile dikhabetšhe tse kae mo mabokosong? Go ne go setse dikhabetšhe tse kae?" a botsa bana.

5

Tiro e e latelang ke go kwala tlhwatlhwa mo lebokosong lengwe le lengwe mme lo thuse Baba K go rwalela mabokoso mo loring ya gagwe. Ba tshwanetse go tsenya halofo e nngwe ya mabokoso mo karolong e nngwe ya lori le halofo e nngwe mo karolong e nngwe, go lekalekanya morwalo.

6

"Re gaufi le go fetsa!" Baba K a rialo. "A re bone, ke mabokoso a le kae a re tshwanetseng ke go a tsenya mo dikarolong tsa lori go lekalekanya morwalo?"

7

Ka nakwana mabokoso otlhe a le 20 a tsentswe mo loring. Baba K o dumisa lori a ya kwa marekisetsong. "Fa nka rekisa mabokoso otlhe," a akanya, "Ke tla nna le madi a a lekaneng go baakanya lefelo la dikolobe le go direla bana ba me se se tla ba makatsang!"

8

Kwa polasing, Mama K le bana ba nosetsa dijalo le go haraka matlakala. Ka ura ya sethoboloko ke fa botlhe ba lapile. Mama K a re, "Ke nako ya se se monate. A lo ka phopholetsa se ke lo se tsholetseng gompieno?"

9

O ya kwa ntlong go ya go tsaya se a se ba beetseng. Bana ba letile ka bopelotelele gore a boe fa ba ntse ba phopholetsa gore ke eng. Fa a tlhagelela mo tseleng dikgetsi tsa gagwe tsa khiba di tletse!

10

"A re bone gore a lo phopholeditse sentle! Ke eng se lo se bonang gompieno?" Mama K a phetola dikgetsi tsa gagwe tsa khiba mme diapole tse dintsi tsa wela mo tafoleng. "Lo a bona, ke ne ke nepile!" Duksie a goa. Mama K a re, "Jaanong gakologelwang molao. Kgaoganyang ka go lekana! Ga go yo o bonang go le gontsi kgotsa go le gonnye go feta o mongwe!"

11

Sa ntlha bana ba bala diapole ka bobedi. Ba bala 2, 4, 6, 8, 10, 12, 14, 16, le apole e le 1 e e setseng. Diapole tsotlhe di 17.

12

Se se latelang, ba kgaoganya diapole ka go lekalekana. Go setse diapole tse 2. Bana ba tsenya diapole tsa bone mo dikgetsing tsa bone go ya gae. Ngwana mongwe le mongwe o na le diapole tse kae?

13

"A re sege diapole tse pedi go di kgaoganya magareng ga rona," Duksie a tshitshinya. "Ke dikarolo tse kae tsa apole tse re tlileng go di bona?" Maya a botsa. "Ke itse karabo!" Doobie a nyenya.

14

Ka yona nako eo Baba K a goroga go tswa marekisetsong. Lori e lolea mme Baba K o a nyenya. "Ke rekisitse dikhabetšhe tsotlhe. Jaanong nka baakanya lefelo la dikolobe le go lo rekela kgwele e le e lo e batlang. "Hure!" bana ba goa.

15

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Go bala dikhabetšhe
Author - Penelope Smith
Translation - Lorato Trok
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs