Mokibo
Mary Nabire
Catherine Groenewald

Ke a bina fa ke itumetse, Ke a bina fa ke tlhoname, Ke a bina fa ke le bodutu, Ke a bina fa ke kwatile.

1

Morutababa wa me a re, "Nna fatshe! Se bine letsatsi lotlhe."

2

Mme mme wa me ena a re, "Go bina go dira gore o dule o itekanetse, Go dira gore o nne motelele, Ka letsatsi lengwe o tlile go nna sebini, Mme o ba gakgamatshe botlhe!"

3

Nna ke a re, "Ka letsatsi lengwe ke tlile go bina mme batho ba tlile go duela Fela gore ba mpone ke tlola ebile ke dikologa" Ba tla re'O a kgatlhisa ebile o a itumedisa'.

4

5
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mokibo
Author - Mary Nabire, Tessa Welch
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - First sentences