Asnath Mahapa o fofela godimo
Sara Lekganyane
Khanyisa Masemola


Lebo o buisana le Mokapoteine Asnath Mahapa ka go kwala mo makasining wa sekolo. O itumeletse go kopana le mofofisi wa ntlha wa mosadi wa montsho.
-
“Dumela, Mokapoteine Mahapa! O amogetswe mo puisanong ya rona,” a rialo.
-
“Dumela, Lebo. Ke a leboga. Mpitse Asnath,” a rialo.
1
“Ke kopa o mpolelele ka dingwaga tsa gago tsa bongwana,” Lebo a rialo.
-
“Ke belegetswe kwa Limpopo ka 1979.
-
Go ne go se na metsi kgotsa motlakase. Re ne re ithuta ka lesedi la kerese,” Asnath a rialo.
2
“O simolotse leng go rata difofane le go fofa?” Lebo a botsa. “Ke simolotse go rata difofane fa ke le dingwaga tse 13.
-
Ka simolola go buisa dimakasine tsa bofofisi kwa sekolong.
-
Go simolotse jalo,” Asnath a gopola.
3
“Jaanong la gola jang lerato la gago la go fofa?” Lebo a botsa a kwala fa fatshe.
-
“Ke ne ke tlhola ke ipotsa gore difofane tse di kgolo di kgona go nna jang moweng!
-
Ke ne ke batla go itse go le gontsi gore difofane di fofa jang,” Asnath a araba.
4
“Ke dithuto dife tse o tshwanetseng go di ithutela go nna mofofisi?” Lebo a botsa.
-
Asnath a tlhalosa gore Dipalo le Saense ke dithuto tse di botlhokwa.
-
“Gape o tshwanetse go fofisa diura di le dintsi pele ga o ka bona lokwalo lwa bofofisi,” a araba.
5
Lebo a botsa thatathata ka go ithutela bofofisi.
-
“Bofofisi bo tlhoka kitso ya dipalo e ntsi.
-
Go ithutela Boenjinere go ruta go itse ka tsamaiso ya difofane. Boenjinere bo ikaegile ka Saense le Dipalo,” Asnath a araba.
6
“O ne o ikutlwa jang fa o simolola go fofa? Nna ke tshaba go fofa!” Lebo a rialo.
-
“Ijoo! Tlhogo ya me e ne e dikologa. Fela ke ile ka nna pelokgale.
-
Jaanong, ke fofela kwa dinageng tse dintsi mme ke ithuta ka ditso tse di farologaneng,” Asnath a araba.
7
“Seo se tshwanetse se bo se itumedisa! Lebo a rialo. “A o ka mpolelela go le gontsi ka ga difofane?”
-
“Mowa o o kgabaganyang go ralala diphuka o isa sefofane kwa godimo.
-
Kgorometso ya dienjene a se isa kwa pele,” Lebo a tlhalosa.
8
“Go a itumedisa,” Lebo a rialo. “A o ne o na le dikgoreletsi tsa go nna mofofisi?”
-
“Ee, mathata a mantsi! Go ne gotwe ke mokhutshwane. Le gore dithuto tsa me ga di maleba. Le gore bofofisi ga se tiro ya basadi.”
9
“O rarabolotse mathata ao jang?” Lebo a botsa.
-
“Ke ne ka lwantsha molao wa seemo sa kgolo. Ke ile ka boela sekolong sa bofofisi mme ka bona maduo a a kwa godimo.
-
Ke ne ke batla go bontsha gore basadi ba na le
-
bokgoni,” Asnath a araba.
10
Lebo a dumela mme Asnath a tswelela, “Ke ithutile gore fa o ikemiseditse o tlaa kgona.
-
Ke ne ke sa reetse ope yo o neng a nnyemisa mooko. Le gore basadi ba kgona fela jaaka banna.”
-
“Ke nnete!” Lebo a rialo.
11
“O motlotlo ka eng?” Lebo a botsa.
-
“Ke ne ke le dingwaga di le someamabedi fela fa ke ne ke nna mofofisi wa ntlha wa montsho wa mosadi mo Aforika Borwa.
-
Gape ke ne ke le karolo ya setlhopha sa basadi se e neng e le sa bafofisi. Ke rata go rotloetsa basetsana go ithutela Saense,”
12
“Ka maswabi re feletswe ke nako. Ke lebogela puisano.
-
O re bontshitse gore maikemisetso a go isa godimo!” Lebo a rialo.
-
“Ke a leboga Lebo. Ke itumeletse go bua le wena!” Asnath a rialo a nyenya.
13

Dipotso


  1. Ke batho bafe ba babedi ba ba buisanang fa e bile ba bua ka eng?
  2. Goreng Lebo a dira puisano e?
  3. Ke eng se se dirileng gore Asnath a nne mofofisi?
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Andile Mji
  • Asnath Mahapa
  • Bongani Mayosi
  • Charlotte Maxeke
  • Mmantsane Moche Diale
  • Mulalo Doyoyo
  • Tebello Nyokong
  • Tshilidzi Marwala
15


Bukakanelo e, e tlhamilwe le go kwalwa ka puo ya Sepedi, jaaka karolo ya porojeke ya didirswa tsa go buisa ya Zenex Ulwazi Lwethu ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Asnath Mahapa o fofela godimo
Author/s: Sara Lekganyane
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Khanyisa Masemola
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator