Ke tiro efe e e botlhokwa go feta?
Beatrice Inzikuru
Wiehan de Jager

Batho ba ga ba utlwane ka puo.

1

"Barutabana ba botlhokwa. Lo re tlhoka go ithuta," ga rialo morutabana.

2

"Baagi ba botlhokwa thata. Lo tlhoka matlo," ga rialo moagi.

3

"Badiri ka legong ba botlhokwa. Lo tlhoka didiriswa tsa matlo."

4

"Dingaka di botlhokwa thata. Lo a re tlhoka gore lo fole."

5

“Balemirui ba botlhokwa thata. Lo a re tlhoka gore lo je.”

6

“Baithuti ba botlhokwa thata!” ga rialo moithuti.

7

“Ka gonne lo ne lo le baithuti pele!” Jaanong botlhe ba a dumelana.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Ke tiro efe e e botlhokwa go feta?
Author - Beatrice Inzikuru
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First words