Segwagwa le Noga
John Emongot
Rob Owen

Segwagwa le Noga ke ditsala.

1

Segwagwa a re, “Tsamaya le nna go ya go etela mme.”

2

“Ke a leboga." Noga a rialo. “Ke mang yo o tla lebelelang matlo a rona?”

3

“Ke tla lebelela matlo a lona.” Ga rialo Tshwene.

4

Segwagwa o ne a tseela mmagwe ditshoswane tse di tshweu.

5

Segwagwa le Noga ba ne ba tsamaya ka masa. Ba tsena mo sekgweng.

6

Ba ne ba kopana le setlhopa sa bo moshe. Noga o a tshaba.

7

Segwagwa o sireletsa tsala ya gagwe.

8

Ba tshwerwe ke tlala fa ba fitlha kwa ntlong ya ga Mme.

9

Ba ile ba tlhapa matsogo mme ba ipaakanyetsa go ja.

10

“Noga, ke kopa a dule sentle,“ ga rialo Segwagwa.

11

Noga o ne a leka go dula sentle, mme fela ga ise segwagwa.

12

"Ga ke kgone go dula sentle jaaka segwagwa", Noga a rialo.

13

Segwagwa o ne a sa batle go utlwa.

14

“Ga o ntlhaloganye. Nna ke ya gae.”

15

Noga o tenegile. “Ke ne ke gopola gore Segwagwa ke tsala ya me.”

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Segwagwa le Noga
Author - John Emongot
Translation - Lorato Trok
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - First words