Morwadi yo o rategang
Ritah Katetemera
Brian Wambi

O ke Natefo. O na le bokgaitsadie ba barataro.

1

Batsadi ba gagwe ba mo fa pitsa e nnye. O a e rata.

2

Ka letsatsi lengwe bokgaitsadie ba thuba pitsa e.

3

Natefo ga a bone pitsa ya gagwe. O lela letsatsi lotlhe.

4

Natefo o a tshaba. O palama setlhare se se telele.

5

Batsadi ba gagwe ba a mo fitlhelela. "Ka kopo, fologela kwa tlase."

6

Bokgaitsadie ba opela, “Ka kopo fologela kwa tlase.”

7

Natefo o kgala pina ya bona.

8

Jaanong tsala ya ga Natefo ya fitlha.“Ka kopo fologela kwa tlase,” a opela.

9

Tsala ya ga Natefo a opela go fitlhelela a fologa kwa setlhareng.

10

Ditsala di tsamaya mmogo go ya gae.

11

Botlhe ba keteka gore Natefo o boetse gae. Natefo o fiwa pitsa e ntšhwa.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Morwadi yo o rategang
Author - Ritah Katetemera, Mulongo Bukheye
Translation - Lorato Trok
Illustration - Brian Wambi
Language - Setswana
Level - First words