Tlowana marata go itse
Judith Baker
Wiehan de Jager

Mongwe le mongwe o a itse gore tlou e na le nko e telele.

1

Bogologolotala nko ya tlowana ene e le khutshwane, e le kima jaaka setlhako fa gare ga sefatlhego.

2

Tlowana ya go rata go itse ya tsalwa. E ne e botsa diphologolo tsotlhe dipotso ka dipopego tsa tsona.

3

Ya botsa thutlwa, "Goreng thamo ya gago e le telele?"

4

Ya botsa, "Goreng lenaka la gago le le ntlha?"

5

Ya botsa Kubu, "Goreng matlho a gago a hibitse jaana?"

6

Phologotswana e, e ne e sa fele pelo. Mme bogolosegolo, e ne e batla go itse ka kwena. "Kwena e lalela ka eng?" ya botsa.

7

"Tlogela go tlhola o botsa dipotso" ga rialo mmagwe. A tsamaya a sentse sefatlhego.

8

"Ntshale morago. Ke tla go bontsha dilalelo tsa Kwena kwa nokeng," ga rialo Legakabe.

9

Tlowana le Lekgakabe ba leba kwa nokeng.

10

Tlowana ya sutlha fa gare ga matlhaka, ya ema fa leribeng la noka. Ya lebelela ka fa gare ga metsi. "Kwena e kae?"

11

"Dumela," letlapa la dumedisa. "Dumela," Tlowana a dumela. "A o ka mpolelela gore Kwena o lalela ka eng?"

12

"Khubama ke bolelele" ga bua letlapa. "Inama, inama gape." Tlowana ya inamela kwa tlase ka fa nokeng go fitlhela.

13

"Swatho!" nko ya Tlowana ya felela ka fa gare ga metlhagare ya Kwena. "Kwena e tla lalela ka wena," ga rialo Legakabe.

14

Tlowana ya pharama fa fatshe ya itsetsepela ka maoto a yona a a tiileng, ya goga nko, ya goga, ya goga. Fela Kwena ya itshwarelela ya gana go tlogela.

15

Nko ya Tlowana ya taologa, ya taologa go fitlhelelela "Ruthuuu!" Tlowana ya kanama.

16

Ka go latlhegelwa ke dilalelo tsa yona, Kwena ya tlala pelo ya lelemela ka fa gare ga metsi.

17

Tlowana ya batlana le nko ya yona, fela ya palelwa ke go bona kwa e felelang teng.

18

E ne e le telele jaaka tsela ya Kgalagadi, mo eleng gore e ne e kgona go fitlhelela maungo a a leng kwa godimo ga setlhare.

19

Gape e ne e itshela ka metsi fa letsatsi le fisa thata.

20

Go tloga ka lona letsatsi leo, dinko tsa ditlou tse di telele, di ne tsa ba tswela mosola.

21
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tlowana marata go itse
Author - Judith Baker, Lorato Trok
Translation - Atteridgeville Pilot Teachers
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs