Go ne go le bese e le nngwe fela mo motseng wa bo Kabelo. E ne e le kgolo e le mmala wa botala jwa legodimo. E ne e le modumo thata.
Ka letsatsi lengwe, mmagwe Kabelo a re, "Kamoso re ya toropong go ya go reka diaparo tsa gago tsa sekolo."
Kabelo o ne a itumetse thata. Ba tlile go tsamaya ka bese e e kgolo ya mmala wa botala jwa legodimo. O ne a itumetse thata ebile a sa kgone go rabala bosigo joo.
Kabelo o ne a setse a ipaakantse fa mmagwe a tla go mo tsosa.
Kabelo le mmagwe ba ne ba ya kwa boemelong jwa dibese. Ba ne ba emetse bese e e kgolo ya mmala wa botala jwa legodimo. Mme bese ya se ka ya fitlha.
Batho ba bangwe ba ne ba fitlha kwa boemelong jwa dibese. Ba ne ba ngongorega ka ntlha ya fa bese e le thari. "Bese e kae?" ba botsa.
Kabelo o ne a tshwenyegile. "Ga re na go kgona go ya toropong. Ga ke na go kgona go nna le diaparo tse dintšhwa tsa sekolo," a nagana.
Batho ba bangwe ba ne ba itlhoboga mme ba boela gae. Mme Kabelo a lela ka a ne a sa batle go boela gae. Mmagwe o ne a mo kgothatsa. "Re tla emanyana gape," a rialo.
Morago ga nakwana, ba ne ba utlwa modumo. Ba ne ba bona lerole mo moyeng. E ne e le bese!
Mme fela bese e ne e se mmala wa botala jwa legodimo. E ne e se kgolo. Bese e ne e le khibidu ebile e le nnye. Batho ba ba neng ba emetse bese ba ne ba lebelela bese e. Ba ne ba se e palame.
"Palamang! Palamang!" mokgweetsi a goa. "Re thari thata gompieno," a rialo.
Kabelo le mmagwe e ne e le bone bantlha go palama bese. Morago ga nakwana batho ba bangwe le bona ba palama bese e khibidu e nnye.
Kabelo o ne a lebelela ka letlhabaphefo. O ne a bona batho ba bantsi mo boemelong jwa bese.
Batho ba bantsi ba ne ba tabogela go tshwara bese. Mme ba ne ba le thari. Bese e ne e tletse. Bese e khibidu e ne ya ya toropong.
"Bese ya mmala wa botala jwa legodimo e kgolo e kae?" mmagwe Kabelo a botsa. "E robegile," mokgweetsi a araba. "Re a e baakanya. E tla filtha kamoso," a tlatsa.
Kabelo o ne a sa tshwenyege ka mmala wa bese. O ne a sa tshwenyege ka bogolo jwa bese. O ne a itumeletse fela gore bese e e ya toropong.