Katse le Ntšwa ke ditsala
Yamkela Mbhele
Busisiwe Ndlovu
Katse le Ntšwa ke ditsala.
-
Di ne tsa dumelana go etela tsala ya tsona, Kgogo ka letsatsi la yona la botsalo.
-
Kgogo e dula kwa motseng o mongwe, mme go ka di tsaya malatsi a mabedi go goroga.
1
Katse le Ntšwa di na le maitsholo le ditsela tse di farologaneng.
-
Ntšwa e rata go ja e be e robala mme e na le go tshwenya dinako tse dingwe.
-
Katse e siame, e maitseo mme e a tshepega.
-
Di kopane kwa lefelong la Ntšwa go baakanyetsa leeto la tsona.
2
“Ke tla tla le dijo tsa letsatsi la ntlha,”ga ithaopa Ntšwa.
-
“Ke tla tla le tsa letsatsi la bobedi,” ga bua Katse.
-
Tsa kwala tsotlhe fa fatshe gore di se ke tsa lebala.
3
“Go tla itumedisa go bona Kgogo mo nakong e khutshwane.”
-
E setse e le nako e telele re sa bone tsala ya rona,” ga bua Ntšwa fa e tseisa Katse tsela go ya kwa gae.
-
“Ke lebogela fa o ntseisitse tsela go ya gae,” Katse a raya Ntšwa.
4
Di kopane phakela thata letsatsi le le latelang go simolola leeto la tsona.
-
Di ne di itumetse di opela e bile di bina ka boitumelo.
-
Morago ga nakonyana, di ne tsa ikhutsa fa tlase ga setlhare se segolo. “Ke tshwerwe ke tlala! A re je,” ga bua Katse.
5
Ka bonako Ntšwa a tsholela dijo mo dijaneng. Dijo di ne di le mafura le metsi.
-
Katse a botsa, “A ke dijo tse o di tletseng bobedi jwa rona?”
-
Katse o ne a sa itumela gonne tsala ya yone e sa tla le dijo tse go dumalanweng ka tsona. Ga a ka a ja dijo tsa ga Ntšwa.
6
“O emetse eng?” ga botsa Ntšwa. E ne e gopotse gore Katse e tla emisa go ngongorega mme ya ja.
-
Ka go tenega, Katse ya botsa, “Ke goreng o tla le dijo tse di ratiwang ke wena fela?”
-
Ntšwa e ne e ja ka bonako, sejana sa ba sa relela.
-
Dijo tsotlhe tsa Ntšwa tsa tshologela fa fatshe.
7
“O se ke wa tshwenyega tsala,” ga bua Katse.
-
Katse ya ntsha borotho jo bo pataganeng e bile bo eletsega. E ne ya simolola go ja.
-
Ntšwa ya lebelela dijo tsa Katse ka matlho a go eletsa
-
Fa Katse e fetsa go ja, ya phutha mme ya raya Ntšwa ya re, “A re ka tswelela ka leeto la rona?”
8
Di ne di sa buisane mo leetong lotlhe. 
-
Mogodu wa Ntšwa o ne wa dumisiwa ke tlala.
-
Mo maitsiboeng, Katse ya itsholela. Ya ya go robala e itumetse gonne e tlile le dijo tse di lekaneng.
-
Ntšwa ya tsamaya go robala ka tlala.
9
Mo mosong, Katse ya itsholela difitlholo tse di nnye. Ntswa e ne e sa fetse go lebelela dijo tsa Katse.
-
Katse ya fa Ntšwa dijo.
-
Ntšwa ya re, “Intshwarele. Ke ne ke le bogagapa.”
-
Katse ya araba, “A re je rotlhe.”
-
Tla, nna fa fatshe go ja.
10
Fa di tsweletse ka leeto la tsona, e ne e le ditsala gape!
-
Tsa goroga ka nako kwa ntlong ya Kgogo.
-
“Leeto lwa lona lo ne lo ntse jang ditsala?” ga botsa Kgogo.
-
Ke fa di lebelelana ka monyenyo, ga araba Katse le Ntšwa, “Le ne le siame thata.”
11
E ne e le moletlo wa botsalo o mogolo e le ruri.
-
Di ne tsa ja, tsa opela le go bina!
12
Your attribution should include the following:
Title: Katse le Ntšwa ke ditsala
Author/s: Yamkela Mbhele
Translator/s: Sylvia Makapan
Illustrator/s: Busisiwe Ndlovu
Assurer/s: Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator