Letsatsi la ga Hamisi la letlhogonolo
Adelheid Marie Bwire
Rob Owen

Hamisi o tlhoka diaparo tse dintšhwa tsa sekolo. Rragwe o mo isa marekelong.

1

Hamisi o bona mosimane a apere hempe e ntle. "Ke hempe e ntle thata e," Hamisi a nagana.

2

"Fa fela nka be ke nale hempe e e tshwanang le ya mosimane o", Hamisi a rialo.

3

"Bona, o rekisa dihempe tsele tse di kgethegileng," Hamisi a rialo. "Rra, tswee-tswee nthekele nngwe ya tsone," a kopa.

4

"Hamisi, ke tshwanetse ke reke diaparo tsa gago tsa sekolo," ga rialo rragwe.

5

"Ga kena madi a a lekaneng go reka hempe eo," rre a rialo.

6

Rragwe Hamisi o duelela diaparo tsa sekolo. O maketse fa a boelwa ke madi a mangwe. Go nale madi a a lekaneng go reka hempe!

7

Ke letsatsi la matlhogonolo la ga Hamisi! O ile go tlhopa hempe efeng?

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Letsatsi la ga Hamisi la letlhogonolo
Author - Adelheid Marie Bwire
Translation - Lorato Trok
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - First paragraphs