Andile Mji, ramatlhale wa dipalo
Glanice Masilo
Kamogelo Matlawe


Andile Mji ke mogaka wa dipalo.
-
E ke kgang ya Andile fa e ne e le mosimane, le ka moo a ithutileng go rata dipalo.
1
Andile o belegetswe kwa Gqeberha, kwa Kapa Botlhaba.
-
O ne a nna le mmaagwe le rraagwe. Ba nna kwa New Brighton.
-
Gaufi, go le motsana o bidiwa Tyeni.
-
Ntatemogolo wa gagwe o ne a nna koo.
2
Andile o ne a rata go etela Ntatemogolo. A na le lesaka la dikgomo.
-
O ne a botsa Andile gore, “Dikgomo tse di tona le tse di namagadi di kae? Mme dikgomo tsotlhe di kae mo lesakeng?”
-
Lwa ntlha, Andile o ithutile go bala go fitlha go lesome, a dirisa menwana. A atolosa go ya go masomeamabedi, ka menwana ya maoto!
3
Mo mosong, mokoko o ne o lela. E le ura ya botlhano fa ba tsoga. Ba ipaakanyetsa go gama dikgomo.
-
Morago, ba ya kwa thabeng e e gaufi go fudisa dikgomo.
-
Ba dirisa letsatsi go lepa nako.
4
Mo motshegareng, ntatemogoloagwe a mmitsa. Gore a tle go ja. E ne e le ura ya bolesomepedi.
-
O ne a itse fa e le nako ya go ya gae.
-
Fa letsatsi le dikela, a bala dikgomo. A netefatsa fa di boile tsotlhe.
5
Fa Andile a simolola go ya sekolong. Rraagwe a mo rekela tshupanako.
-
A dirisa tshupanako go bala ka bobedi, boraro le bone.
-
E le ka fa tshupanako e na le dipalo go simolola ka nngwe go fitlha ka lesomepedi.
-
A itse gore lenaka le legolo, mo lesomepedi ke ura, mme, fa le supile thataro ke masome-a-mararo morago ga ura.
6
Andile o ne a bala dipalo ka tlhaloganyo. A balela go ya kwa pele le kwa morago a dirisa tlhogo.
-
O ne a kgona go bala malatsi a beke le dikgwedi tsa ngwaga, ka tatelano.
-
Fa dikgomo di tsala, o ne a ikatisa dipalo ka go bala dinamane.
7
Ka Labotlhano a paka diaparo a ya kwa go ntatemogolo. A nna Lamatlhatso le Latshipi.
-
Ka Mosupologo a boela gae, go ya sekolong.
-
Fa dikolo di tswalelwa a ya go eta, a itumelela go disa dikgomo.
8
Fa Andile a simolola sekolo. Ba ne ba dirisa majwe le dikotana go bala.
-
O ne a dirisa menwana go kwala fa fatshe. A ikatisa go tlhakanya dipalo mo mmung.
-
Phaposiborutelo e le fa tlase ga setlhare. Fa pula e na, ba sa ye sekolong.
9
Fa mosimane wa kwa Brighton a gola, a ya kwa yunibesithing go ithutela dipalo. O ithutile dingwaga di le dintsi.
-
Gompieno, Andile Mji o dira kwa lefapheng la dipalo le mananepalo.
-
O santse a kgona go lepa nako jaaka bogologolo, a dirisa letsatsi.
10
Gompieno, Andile ke moitseanape Mji. O dirisa menwana ya gagwe go tlanya mo khomphiutheng
-
O dirisa dipalo le kerafo go kwala dikgang. Dipalo o di dirisa go fitlhelela ditharabololo
-
O dirisa mananepalo go araba dipotso tse di jaaka, ‘Go ya bana ba dingwaga di le kae kwa sekolong?’
11
Moitseanape Mji o dira ka khomphiutha le dipalo.
-
A re, “Khomphiutha e botlhokwa, fela nako nngwe e a latlhega! Tlhaloganyo ya me e nna mo tlhogong, go fitlha kwa bokhutlong.
-
Mo dipalong, ga go fetoge sepe. Dipalo di nnela ruri.”
12
Moitseanape Mji o go tshwaretse molaetsa:
-
“Go itse dipalo, o tshwanetse go ikatisa go dira ka dinomoro.
-
Dipalo ke ‘go dira’ gape Dipalo ke mokgwa.
-
O tshwanetse go ithuta go akanya ka dinomoro. Ka fao, o tla nna mogaka!”
13

Dipotso


  1. Andile o ithutile leng lwa ntlha ka dipalo le go bala?
  2. A go botlhokwa go itse go dira ka dipalo o sa dirise khomphiutha le sebaledi? Tlhalosa karabo ya gago.
  3. Balela kwa pele ka bobedi, boraro le bone go fitlha go lesomepedi. Fa o fetsa, o balele kwa morago.
14

Dibuka tse di mo motseletseleng o


  • Andile Mji
  • Asnath Mahapa
  • Bongani Mayosi
  • Charlotte Maxeke
  • Mmantsane Moche Diale
  • Mulalo Doyoyo
  • Tebello Nyokong
  • Tshilidzi Marwala
15


Kgang e, e tlhamilwe le go kwalwa ka Setswana, e le karolo ya Zenex Ulwazi Lwethu ya dibukapuiso tsa porojeke ya 2020.
16
Your attribution should include the following:
Title: Andile Mji, ramatlhale wa dipalo
Author/s: Glanice Masilo
Illustrator/s: Kamogelo Matlawe
Assurer/s: Refilwe Ramagoshi, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2024

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator