Rre le morwa wa gagwe
Frista Nattabira
Wiehan de Jager

Go ne go le monna a bidiwa Thabo.

1

O ne a na le morwa. Ena o ne a bidiwa Thabong.

2

Ka letsatsi lengwe monna a re go morwaagwe," A re phuthulole maoto."

3

Fa ba ntse ba tsamaya, ba bona mokotla wa diaparo. O ne o tletse.

4

Monna o ne a itumetse thata. "E tsholetse re ye gae ka yona," a rialo go Thabong.

5

Morwa o ile a dira se rragwe a reng a se dire. Thabong o ile a rwala mokotla ka tlhogo mme ba ya gae.

6

Mo tseleng go ya gae, noga e ile ya tswa mo mokotleng. Ya wela mo maotong a ga Thabong!

7

Thabo le Thabong ba ne ba tshogile thata. Thabong o ile a latlhela mokotla mo fatshe. Ba ile ba tshaba ka lebelo le le tshabegang.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Rre le morwa wa gagwe
Author - Frista Nattabira
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs