Sekgwa sa dinoga
Joseph Sanchez Nadimo
Rob Owen

Motse wa Maruping o dikaganyeditswe ke dithaba. Dinoga tse dintsi di dula mo sekgweng mo dithabeng tseo. Go ne go na le noga e kgolo go di feta tshotlhe. Baagi ba motse ba ne ba e bitsa Serodumo. E ne e le noga e e tshosang. E ne e metsa dipodi le dinku di feletse.

1

Ka letsatsi lengwe Atang, Agang le Amo ba ne ba ya kgonnyeng kwa sekgweng. E ne e le bana ba motho. Nkoko wa bone o ne a ba gakolola, "Lo tlhokomeleng noga e kgolo Serodumo. Lo se tseye sepe se sengwe kwa sekgweng ntle fela le dikgong." Amo ke ene fela o neng a sa utlwelela Nkoko wa gagwe.

2

Basetsana ba ne phutha mašwi, dipanana, dipotata le metsi, e le dijo tsa tsela. Ba ne ba tsaya dithudi tse di tiileng go bofa dikgong le selepe se se bogale go rema dikgong. Mme ba tsena tsela go ya sekgweng.

3

Fa ba le mo tseleng, basetsana ba ne ba tsaya dikgang go le monate. O mogolo mo go bona, Atang, a ba gakolola ka gangwe a re, "Didimalang. Re tsena mo tulong ya ga Serodumo."

4

Agang a bitsa ba bangwe, "Bonang, meno a ga Serodumo a gauta ke a. A re a tseyeng." Atang a ba gakolola, "Lo se lebale kgakololo ya ga Nkoko. Ga re a tshwanela go tsaya sepe se sengwe ntle le dikgong."

5

Amo a re, "Ga ke tshepe Nkoko. Ke nagana gore o ne a bua se fela gore re se nne le se se re batlang. Ke batla meno a gauta." Bo ausi ba gagwe ba ne ba tshwenyegile. "Amo, re go kgalemile," ba rialo. Amo o ne a sa kgathale.

6

Ka motlha oo, Serodumo a tla go batla meno a gagwe a gauta. O ne a tlala bogale fa a ne a sa a bone. Jaanong Serodumo a utlwa basetsana ba bua ebile ba tshega. A iphitlha mo tlase ga letlapa mo thoko ga tsela, mo basetsana ba neng ba ya go feta teng go boela gae.

7

Basetsana ba ne ba rwele dikgong tsa bona mo ditlhogong ba boela gae. Ka ponyo ya leitlho ba utlwa, "Hzzzzzzzz!" E ne e le Serodumo, molomo wa gagwe o bulegile gotlhelele, a ikemiseditse go loma. Basetsana ba ne ba tshogile tota.

8

"Ke mang a tseileng meno a me a gauta?" Serodumo a botsa basetsana. Go se nne le yo o arabang. Noga e ne ya nagana go leka basetsana. "Yo o senang molato o tla kgona go opela ntle le diphoso. O tla ya gae ka dikgong tsa gagwe. Mme yo o molato, a ka se kgone go opela. O tla nna dijo tsa me malatsi a mararo a a latelang!"

9

Atang a simolola go opela ka lentswe le le edileng:
"Bonang, bonang ga ke a tsaya meno. Meno a gauta tswa kwa o leng." Jaanong ya nna nako ya ga Agang ya go opela. Le ene a opela ka lentswe le le edileng.

10

Wa bofelo e ne e le Amo. O ne a tshogile. A ya kwa pele mme a simolola go opela. Mme kopelo ya gagwe e ne e sa kgatlhise, ebile mantswe e se one. Serodumo a mo goelela, "Ke eng o sa opele sentle go tshwana le ba ba bangwe?" Noga ya itse gore ke Amo a tseileng meno a yona.

11

Serodumo o ne a bula metlhagare ya gagwe e megolo mme a metsa Amo. Bo ausi ba bagwe ba ne boela kwa motseng ka lebelo le legolo. Ba ne ba anegela baagi ba motse ka se se diragetseng. "Ke mo kgalemetse, fa fela a ne a nkutlwelela," nkoko wa basetsana a bua a utlwile botlhoko.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Sekgwa sa dinoga
Author - Joseph Sanchez Nadimo
Translation - Lorato Trok
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs