Montshiwa o abelana ka maoto
Mutugi Kamundi
Wiehan de Jager

Bogologolotala diphologolo tsotlhe di ne di sena maoto. Di ne di gagaba mo mmung.

1

Ke batho fela ba ba neng ba na le maoto gonne Montshiwa o ne a ba file maoto.

2

Ka letsatsi lengwe, Montshiwa o ne a swetsa gore o tla fa phologolo e nngwe le e nngwe maoto. O ne a tsamaya gotlhe mo motseng a bega tshwetso ya gagwe. O ne a batla gore diphologolo tsotlhe di tsamaye jaaka batho.

3

Diphologolo di ne di itumetse fa di utlwa gore di tlile go fiwa maoto. Phologolo e nngwe le e nngwe e ne e batla go nna le maoto gore e kgone go tsamaya le go taboga. Di ne tsa opela, tsa tshikinya megatla le go tsharolola diphuka tsa tsona.

4

Diphologolo di ne tsa kopana mme tsa bua ka moo go leng boima ka teng go gagaba. Mmu o gotlha mala a tsona. Maoto a tla thusa gore di bonele kgakala, fela jaaka batho.

5

Ka letsatsi leo, diphologolo di ne tsa gagabela kwa ntlong ya ga Montshiwa go fiwa maoto a tsona. Dithutlwa, ditau, ditlou, mebitlwa, bo-gopane le dinonyane di ne tsa ema mola mme tsa leta go fiwa maoto.

6

Phologolo e nngwe le e nngwe e ne ya fiwa maoto a le mane. Nonyane e nngwe le e nngwe e ne ya fiwa maoto a mabedi.

7

Ditebego tsa diphologolo di ne tsa fetoga morago ga go nna le maoto. Tse dingwe tsa bina ka ntlha ya boitumelo. Tse dingwe di ne sa kgone go tsamaya mme tsa wela mo fatshe.

8

Di ne tsa tsamaya mo motseng di bontsha batho maoto a tsona. Di ne tsa re, "Re ka se tlhole re gagaba."

9

Phologolo ya bofelo mo moleng e ne e le Sebokolodi. "A go nale mongwe gape mo morago ga gago?" Montshiwa a botsa. "Nnyaa, ke nna wa bofelo," Sebokolodi a araba.

10

Montshiwa a akanya, "Fa ele wena wa bofelo, ke ya go dira eng ka maoto a a setseng a?" Montshiwa o ne a fa Sebokolodi maoto otlhe a a setseng.

11

Sebokolodi o ne a tsamaya a itumetse gonne o ne a nale maoto a mantsi. "Ke tla kgona go tsamaya ka bonako go ba feta botlhe," a akanya.

12

Erile fela Sebokolodi a fetsa go tsamaya, Noga a goroga kwa ntlong ya ga Montshiwa. "Montshiwa, le nna ke kopa maoto" ga rialo Noga.

13

"Ke abile maoto otlhe. O ne o le kae?" Montshiwa a botsa. "Ke ne ke gateletswe ke boroko," Noga a araba.

14

Montshiwa a lebelela gotlhe mo ntlong ya gagwe go bona gore a go na le maoto a a setseng Go ne go sena sepe.

15

Montshiwa o ne a tswela kwa ntle mme a re, "Ke maswabi, ga gona maoto a a setseng." Noga o ne a tshwanela ke go boela gae a gagaba. Go tloga ka letsatsi leo, Noga a tlogela go robala thata. O dula a emetse motlha o mogwe wa go fiwa maoto.

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Montshiwa o abelana ka maoto
Author - Mutugi Kamundi
Translation - Lorato Trok
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana
Level - First paragraphs