Phefo
Ursula Nafula
Marion Drew

Phefo e feta ka lebelo. E feta ka lebelo le legolo mo pele ga lelapa la rona.

1

Phefo e maatla. E gagolaka khaete ya me mo matsogong a me.

2

Di taboga mo morago ga khaete ya me. Phefo e ntatlhela kgakala mme e nkgaoganya le khaete ya me!

3

Phefo e fetoga go nna matlakadibe. E tsholeletsa khaete ya me kwa godimo thata.

4

Phefo ya matlakadibe e ya nkometsa! Ga ke kgone go bona sepe. Ga ke kgone go tshwara sepe.

5

Jaanong khaete ya me e kae? Ka gongwe e tshwerwe ke setlhare.

6

Ka gongwe khaete ya me e sa le mo lefaufaung.

7

Ka lesego phefo e emisa go fofa. Ke sa le mo sediding.

8

Fa sedidi se fela ke lebelela dintlha tsotlhe. Phefo e ile kae?

9

Ga ke bone khaete ya me gope. Ga ke tlhole ke utlwa phefo.

10

Gongwe nka bona khaete ya me kamoso. Jaanong ke tshwanetse ke ye gae pele ga phefo e simolola gape.

11
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Phefo
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Marion Drew
Language - Setswana
Level - First sentences