Morutabana Moipone
Lawrence A. Konjuro
Vusi Malindi

Yo ke morutabana wa me. Leina la gagwe ke Morutabana Moipone. O nthata go menagane.

1

Morutabana Moipone o re ruta medumo. Ke kgona go dira medumo a, e, i, o, u.

2

Morutabana Moipone o re rutile mebala e e farologaneng: Khibidu, botala jwa legodimo, serolwana le bontsho.

3

Ka nako ya go robala Morutabana Moipone o re robatsa ka pina. O re opelela pina e e monate.

4

Pina eo yone e opelwa jaana: Boroko bo bo monate fa matlho a gago Menyebo e lo emetse fa lo tsoga Robalang bana ba bantle, lo se lele Ke tla lo opelela pina e e molotsana.

5

Morutabana Moipone o itse dikgang-khutswe tse di ntsi. O re anegela dikhutswe tse di farologaneng letsatsi le letsatsi.

6

Ka Mosupologo o re anegela khutswe ya banna ba bagale.

7

Ka Labobedi o re anegela khutswe ya basadi ba bagale.

8

Ka Laboraro o re anegela ka mefuta e e farologaneng ya dipalangwa.

9

Ka Labone o re anegela ka temo.

10

Mme ka Labotlhano Morutabana Moipone o re kopa gore re anege dikhutswe tsa rona mo phaposing-borutelo.

11

Morutabana wa rona ke wa makgonte mo lefatsheng! Fa ke gola ke batla go nna fela jaaka Morutabana Moipone.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Morutabana Moipone
Author - Lawrence A. Konjuro
Translation - Lorato Trok
Illustration - Vusi Malindi
Language - Setswana
Level - First sentences