Koko le Sebokolodi
Winny Asara
Magriet Brink

Koko le Sebokolodi e ne e le ditsala tse di ntshanang seinong. Mme fela ba ne ka metlha ba rata go tlhodisana. Ka letsatsi lengwe ba ne ba dumelana go tshameka kgwele ya dinao. Ba ne ba batla go bona gore ke mang setshameki se se tlhwatlhwa.

1

Ba ne ba ya kwa lebaleng la kgwele ya dinao mme ba simolola go tshameka. Koko o ne a le lebelo, mme Sebokolodi ene o ne a le lebelo go gaisa. Koko o ne a ragela kgakala, fa Sebokolodi ena a ne a ragela kgakala le go feta. Koko o ne a sa itumela.

2

Ba ne ba dumelana go raga dipenele. Sebokolodi o ne a nna motshwaradino wa ntlha. Koko o kgonne fela go nosa nno e le nngwe. Jaanong e ne ya nna nako ya gore Koko a sireletse dino.

3

Sebokolodi o ne a raga kgwele mme a nosa. Sebokolodi o ne a raga ka leoto le le popota mme a nosa nno. Sebokolodi o ne a betsa kgwele ka tlhogo mme a nosa nno. Sebokolodi o ne a nosa dino tse tlhano.

4

Phenyo ya ga Sebokolodi e ne ya kgopisa Koko thata. O ne a sa rate go latlhegelwa. Sebokolodi o ne a tshega ka Koko fa a ne a ngongoregela go sa fenye.

5

Setshego sa ga Sebokolodi se ne sa kgopisa Koko thata. Koko o ne a bula molomo wa gagwe mme a metsa Sebokolodi.

6

Mo tseleng fa a boela gae, Koko o ne a kopana le Mme Sebokolodi. "A o kile wa bona Sebokolodi, Koko?" ga botsa Mme Sebokolodi. Koko ga a ka a araba. Mme Sebokolodi o ne a tshwenyegile.

7

Mme Sebokolodi o ne a utlwa molodinyana wa lentswe. Lentswenyana le le ne le lela le re "mme ke kopa thuso!" Mme Sebokolodi o ne a reetsa ka tlhoafalo, a lebelela gotlhe. Lentswe le, le ne le tswa mo maleng a ga Koko.

8

"Dirisa maatla a gago a a kgethegileng ngwanake!" Dibokolodi di itsege ka go dira monkgo o o botlhoko le tatso e e bosula. Koko o ne a simolola go lwala.

9

Koko o ne a kgobola, a metsa mme a tlhatsa. Gape, a ethimola le go gotlhola. A tswelela go gotlhola. Sebokolodi o ne a ferosa dibete.

10

Koko o ne a gotlhola go fitlhela a tlhatsa Sebokolodi. Mme Sebokolodi le morwa wa gagwe ba ne ba tshabela mo godimo ga setlhare.

11

Go tloga ka nako eo, dikoko le dibokolodi tsa se tlhole di utlwana.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Koko le Sebokolodi
Author - Winny Asara
Translation - Lorato Trok
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana
Level - First paragraphs