Moropa wa ga Magezi
Hlekane Paulinah Baloyi
Nceba Bhengu
Magezi o simolola go letsa moropa wa gagwe wa mmala wa bontsho le bosweu.
1
Bana ba a mo dikaganyetsa.
-
Ba opela le moropa.
2
Ba opela, “Masingita o nyetswe ke mang? O nyetswe ke mongwe wa bagaaborona.”
3
Basadi ba binela mmino wa moropa.
4
Banna ba binela mmino wa moropa ka botswapelo.
5
Mudungwazi o menola matlho mme a dire mmino wa gagwe wa motlae.
6
Bannabagolo ba letsa melodi le go binisa ditlhogo tsa bona.
7
Basadibagolo ba tshikinya matheka ba duduetsa. Botlhe ba itumeletse molodi wa pina o o tswang mo moropeng wa ga Magezi.
-
Ga go ope o a sa tshikinyegeng. Megolokwane le yona e le ya maemo a a kwa godimo.
8
Your attribution should include the following:
Title: Moropa wa ga Magezi
Author/s: Hlekane Paulinah Baloyi
Translator/s: Lorato Trok
Illustrator/s: Nceba Bhengu
Assurer/s: Dineo Moatshe, Opelo Thole
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2025 (Updated Edition)

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator