Lihle le Lwandle ka Dikgakologo
Tebogo Matshana
Tebogo Matshana
Lihle le Lwandle ba mo Kapa Botlhaba go etela ntsalaabone, Lina.
-
Lina o ba isa go bona ditshese mo lefelong le le bidiwang Namaqualand.
1
Basetsana ba gakgametse.
-
“A bontlentle jwa tlhago. Bonang jaaka lefatshe le galalela, le apesitswe ke mebala e e kganyang ya ditshese," ga bua Lwandle.
-
Lina a nyeba, “Mo tshimologong ya Dikgakologo, ditshese a mantsi mono a thunya.”
2
Lina a tswelela, “Morago ga pula, le fa dithempereitšha di simolola go tlhatloga, ditshese a mela gongwe le gongwe.”
-
“Mo nakong e khutshwane, lefatshe le le omileng le fetoga go nna masimo a malomo.”
3
“Ka Dikgakologo, mmaarona o jala dipeo mo tshingwaneng. Ke mang yo o jetseng ditshese mono?” ga botsa Lwandle.
-
Lina a araba, “Ke ditshese a naga, ga a jalwa ke ope.”
4
“Namaqualand e na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya dijalo, diphologolo, le ditshenekegi,” ga rialo Lina.
-
“Ke akanya gore lereo la seo ke ‘mefutafuta ya ditshedi’,” Lihle a gakologelwa.
-
“Mefutafuta-eng?” ga botsa Lwandle.
5
“Ee, mefutafuta ya ditshedi ke fa go na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditshedi mo lefelong,” ga araba Lina.
-
“Mefutafuta ya ditshedi e dira tikologo e e itekanetseng mo tlhagong,” ga rialo Lihle.
6
Basetsana ba feta modisa le dinku tsa gagwe.
-
“Baaaa!” dinku di a lela.
-
“Baaaa!” basetsana ba opelela gongwe.
-
“Dikonyana tse dintsi di tsalwa ka Dikgakologo,” ga lemoga Lihle.
7
“Diphologolo tse dintsi di a tsala ka Dikgakologo,” ga dumela Lina.
-
“Ke rata bana ba diphologolo! Totatota Dikgakologo di simolola leng?” ga botsa Lwandle.
8
“Go boima go nepa ditlha,” ga araba Lina.
-
A tswelela, “Mme ka kakaretso re bona matshwao a ntlha a Dikgakologo mono gaufinyana le Lwetse.”
9
“Maemo a bosa a simolola go thutafala, le pula e a na,” ga rialo Lina
-
“Mme, ka nako e khutshwane, sekaka se nna tshingwana ya ditshese a naga,” Lihle a nyeba.
10

Dipotso


  1. Lihle le Lwandle ba kwa kae? Batla lefelo la teng mo mmepeng.
  2. Ke setlha sefe mo kgannyeng?
  3. Go direga eng mo setlheng seno?
  4. A Dikgakologo di tshwana kgotsa di farologane le tsa kwa o nnang teng? Tlhalosa.
  5. Dijalo di tlhokang gore di gole?
  6. O rata setlha sefe thata? Ka goreng?
  7. O nagana gore ke goreng setlha se se tlhalositsweng mo setoring se bidiwa Dikgakologo?
  8. A o dumela gore mefuta e e farologaneng ya diphologolo le dijalo tse di tshelang mo lefatsheng di dira jang tikologo e e itekanetseng? Tlhalosa.
11
Your attribution should include the following:
Title: Lihle le Lwandle ka Dikgakologo
Author/s: Tebogo Matshana
Illustrator/s: Tebogo Matshana
Assurer/s: Opelo Thole, Dineo Moatshe
Language: Setswana

© Zenex Foundation - Saide 2025 (Updated Edition)

CC BY includes the following elements:
 BY   – Credit must be given to the creator