Motshelanosi
Carlos Kanembera
Little Zebra Books

Go ne go nale monna yo o neng a sa batle go dula gaufi le baagisani ba gagwe. Ebile o ne a sa batle mosadi wa gagwe a etela magae a baagisani.

1

Ka letsatsi lengwe o ne a ya go aga ntlo kwa sekgweng, kgakala le matlo a baagisani.

2

O ne a tswa moso o mongwe le o mongwe mme a goroge gae gare ga masigo.

3

Ka letsatsi lengwe monna yo o ne a se goroge gae ka nako. Phiri e ne ya lemoga metsamao ya monna o.

4

Phiri e ne ya ya go kokota kwa mojako wa ntlo.

5

Mosadi, ka go nagana gore ke monna wa gagwe, a bula mojako. Phiri e ne ya mo tlolela mme ya mo ja.

6

Fa monna a fitlha gae a lemoga fa mosadi wa gagwe a jelwe ke phiri. Go ne go se se a ka se dirang.

7

Se se diragetse ka gonne a ne a sa batle go tshela le baagisani ba gagwe.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Motshelanosi
Author - Carlos Kanembera
Translation - Lorato Trok
Illustration - Little Zebra Books, Trevor Kellog
Language - Setswana
Level - First sentences