

Bogologolo-tala kwa motsaneng wa Kagisano, go ne go nale monna a bidiwa Malepa. Mosadi wa gagwe o ne a bidiwa Dineo. Ba ne ba na le bana ba le barataro. E ne e le basetsana fela.
Erile fa Dineo a le moimana ka ngwana wa bona wa bosupa, Malepa a mo tshosetsa a re, "Fa o ka tshola mosetsana gape, ke tlile go go bolaya. Mme fa o ka tshola mosimane, ke tla go direla moletlo o mogolo!"
Fa nako ya go belega e fitlhile, Dineo a ya go mmelegisi wa setso. A ngwana e tla nna mosimane kgotsa mosetsana?
E ne e le mosimane LE mosetsana – mawelana! O ne a taa mosimane leina a re ke Gosego mme mosetsana ya nna Pabalelo. O ne a tlala boitumelo fa a lebelela Gosego, mme a hutsafala fa a lebelela Pabalelo. A utlwa fela gore a ka dira selo se le sengwe.
Dineo o ne a tlogela Pabalelo mo tlhokomelong ya mmelegisi mme a ya gae le Gosego.
Ka boipelo o ne a bontsha Malepa ngwana wa bona wa mosimane. Malepa o ne a itumetse thata mme a bitsa motse otlhe go tla go keteka tsalo ya morwa wa gagwe.
Gosego o ne a gola ya nna lekolwane le le lebegang. Le Pabalelo o ne a gola go nna lekgarebe le le lebegang.
Ka letsatsi lengwe fa Gosego a disitse dikgomo tsa ga rragwe, o ne a bona lekgarebe le lentle thata. O ne a bua a le esi a re, "Le ke lekgarebe le ke batlang go le nyala."
Mme erile fa a mo kopa lenyalo, lekgarebe la opela pina e: "Mukhwana wefwe, Mukhwana. So yakhupa omunwa, Mukhwana. Nebebula omukhana, Mukhwana. Barulaka khulwanda, Mukhwana. Nebebula omusiani, Mukhwana. Barera mungo muno, Mukhwana. Iyeyi yakwa, Mukhwana. Iyindi yakwa, Mukhwana."
Se se ne se diragala gangwe le gape. Gosego o ne a sa itse gore a dire eng. O ne a ya kwa go mmagwe, Dineo. "Ke bone lekgarebe le lentle," a rialo. "Ke rata go le nyala. Mme ka metlha fa ke mo kopa lenyalo, o opela pina e le nngwe."
Gosego a makala fa mmagwe a re, "Se lekgarebe le opelang ka ga sona ke nnete. Ke kgaitsadiago. Lo ne lo le mawelana. Rrago o ne a batla mosimane, eseng mosetsana. Ka jalo ke ile ka tlogela kgaitsadiago le mmelegisi, wena ka go tlisa gae mo go rrago."
Fa Gosego a bolelela rragwe kgang e, Malepa a ipona phoso. O ne a bitsa Dineo mme ba tsaya loeto go ya go mmelegisi. Ba ne ba ya go tsaya Pabalelo.
Fa Pabalelo a goroga mo lelapeng, rragwe le bagolwane ba motse ba ne ba tlhaba podi mme ba dira moletlo wa setso go mo golagana le ba gaabo.
Morago ga ngwaga Pabalelo o ne a nyalwa ke morwa wa kgosi ya motse. Kgosi e ne e humile thata. Pabalelo o ne a tlisa khumo le boitumelo mo lelapeng la gaabo.

