Moseme wa ga Akai o o kgethegileng
Ursula Nafula
Catherine Groenewald

Fa Akai a sa le monnye, mmagwe o ne a rata go mo robatsa mo mosemeng o montle. Mangwane wa ga Akai o dirile moseme o ka matlhaka a dipalema.

1

Moseme o o ne o kganya ka mebala e mentle ya mola wa godimo. O ne o farologana le meseme e mengwe e mmagwe o neng a na le yone mo ntlwaneng.

2

Lebala le le gaufi le gaabo Akai le le ne omeletse thata, le le mogote ebile le tletse ka matlapa. Go ne go tletse dikgokgo le dinoga. Mme fela Akai ena o ne a sena matshosetsi a go lomiwa ke ditshenekegi tse.

3

Mmagwe o ne a re, "Moseme wa gagwe o o kgethegileng o a mo sireletsa."

4

Akai e ne e le ngwana o o botlhale. O ne a itse kwa mogobe o o seng boteng o leng kwa teng.

5

O ne a ithuta kwa diramphetšhane tsa ga mmemogolo wa gagwe di dulang. O ne ka gale a ya go nwa mašwi a kamele le ena.

6

Ka lengwe la malatsi Akai o ne a se lesego. O ne a ya go batla boramphetšhane ba ga mmemogolo wa gagwe mme a se goroge koo. O ile a latlhega kwa dithabeng. Akai o ne a tshogile thata.

7

O ne a dula ka fa tlase ga setlhare sa morula a emetse thuso. Ka bonako a tshwarwa ke boroko mme a nna le toro.

8

Toro ya gagwe ke e: O ne a rapame mo mosemeng wa gagwe o o kgethegileng. Mosadi o o neng a lebega jaaka mmemogolo wa gagwe o ne a mo tlhokometse. O ne a nyeba mme a mo fa baka e kgolo ya mašwi a kamele. Erile fela fa Akai a phutholola diatla tsa gagwe go tsaya mašwi, a tsoga.

9

Akai o ne a bula matlho a gagwe ka iketlo. Erile fa a lebelela kwa godimo, a bona nonyane e nnye e e pududu e ikaegile ka setlhatsana mo godimo ga gagwe.

10

Erile fa Akai a ema, nonyane e nnye e e pududu ya tsharolola diphuka mme ya bontsha Akai tsela. Akai o ne a sala nonyane morago.

11

Akai o ne a fitlha kwa ditsela tse pedi di kgaoganang teng. Nonyane e pududu e ile ya latlhela bontlha jwa moseme mo fatshe. Moseme o, o ne o tshwana fela jaaka wa ga Akai.

12

Fa Akai a sela bontlha jwa moseme o, o ne a bona dikgatiso tsa maoto a ga mmagwe. E se kgale a bona mogoba o o seng boteng kwa ba neng ba gelela metsi gona.

13

Ba lelapa la ga Akai ba ne ba mo amogela mo lelapeng ka dikopelo le moribo. Ba ile ba tlhaba podi, ba besa nama mme ba keteka fa ngwana wa bona a babalesegile.

14

Akai o ne a dula mo mosememg wa gagwe o o kgethegileng mme a itumelela nama ya peso.

15
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Moseme wa ga Akai o o kgethegileng
Author - Ursula Nafula
Translation - Lorato Trok
Illustration - Catherine Groenewald
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs