Mosadi wa setlhare
Southern African Folktale
Jemma Kahn

Bogologolo tala go ne go le monna yo a neng a humile thata. O ne a na le tshimo ya mmu o o nonneng, dikgomo, dinku le dipudi. Fela fa a ntse a gola a simolola go hutsafala, ka gonne a tlhoka selo se le sengwe fela. O ne a se na mosadi.

1

Erile a ntse ka fa tlase ga setlhare, a tlelwa ke mogopolo o montle. Fa a ka se kgone go nna le mosadi, gongwe a ka itirela ena?

2

A simolola go bopa mosadi go tswa mo kutung e e tiileng ya setlhare. Fa a fetsa go bopa sefikantswe sa mosadi, a mo tshwara matlho, mme one a bulega. A budulela moya mo go ena, mme a phaphama a nna le botshelo.

3

E ne e le mosadi o montle thata, bontle bo a iseng a ke a bo bone. O ne a khubama fa pele ga mosadi o, mme a mo kopa gore e nne mosadi wa gagwe.

4

A neela mosadi khiba ya mebalabala, dibaga le kgare ya mo tlhogong, e le sesupo sa mosadi yo o nyetsweng. A agela mosadi ntlo ka mmu wa seretse le tlhaga tse di neng di tlhoga mo pele ga kutu ya gagwe. "Ke kopa fela selo sele sengwe go wena," a rialo go mosadi wa gagwe. "O se bolelele ope gore o tswa kae."

5

Go se go ye kae, masogwana a motse o o mabapi ba simolola go belaela. "Ke ka ga jang gore monnamogolo o a nne le mosadi o montle jaana wa lekgarebe?" Ba ne ba rera go utswa mosadi o. Ka letsatsi lengwe ba ne ba mo utswa mme ba mo isa kwa lesakeng la motse wa bone.

6

Monnamogolo o ne a utlwa botlhoko thata. A ikutlwa gore a ka se kgone go tshela ntle le ena. Mme a nagana, "Kgotsa fa nka nna le sengwe sa gagwe nka se hutsafale jaana." Ka jalo a romela maeba a gagwe go ya go mmatla, go re a mo opelele, a tlise sengwe sa gagwe ko go ena.

7

Erile ba mo fitlhela, ba mo opelela ka mantswe a a monate a dinonyane. Mosadi wa setlhare, mosadi wa setlhare O o bontle jo bo gaisang Re romilwe ke monna wa gago Go re re boe le khiba ya gago!

8

A ba fa khiba ya gagwe, ba fofela godimo ga dithaba, godimo ga dinoka, ba boela go monna wa gagwe. O ne a baya khiba mo sefatlhegong sa gagwe mme a gomotsega go le gonnye.

9

Fela tlhologelelo ya gagwe ga e a ka ya fela. A boela gape a roma maeba a gagwe go re a ye go mo opelela. Mosadi wa setlhare, mosadi wa setlhare Yo o bontle jo bo gaisang. Monna wa gago o re romile Go re boe le kgare ya gago ya tlhogo!

10

O ile a tshwara kgare ya tlhogo mme a tlhologelela mosadi wa gagwe yo a leng kgakala kwa lesakeng la baditšhaba. Morago ga sebakanyana, a bitsa maeba a gagwe gape. Tsamayang lo ye kwa go ene mme lo mo opelele. Mosadi wa setlhare, mosadi wa setlhare Yo o bontle jo bo gaisang Monna wa gago o re romile Go re re buse Botshelo jwa gago!

11

Ba boela morago lebaka la boraro. Ba ile ba tsorama mo godimo ga magetla a gagwe. Fa ba ntse ba opela, nonyane e nngwe le e nngwe e ne ya ntsha leitlho la gagwe. A boela a fetoga sefikantswe gape. Matsogo le maoto a gagwe a wa. Ga latela tlhogo. Mme a wela fa fatshe.

12

Ka iketlo monna wa gagwe a tsenya kutu ya gagwe mo nokeng. O ile a mo emisa ka metswi ya gagwe mo metsing. Mmu le letsatsi di ile tsa mo nontsha, mme a boela a mela ditlhatsana gape.

13

Fa go le phefo, ditlhare di hema ka boitumelo. Fela jaaka mosadi a tlhologeletse monna wa gagwe.

14
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosadi wa setlhare
Author - Southern African Folktale
Translation - Lorato Trok, Maphokane Mapule Mohlamme
Illustration - Jemma Kahn
Language - Setswana
Level - Longer paragraphs