

Nkoko o etla go re etela. Ka metlha o tlela Nipho ditokomane le maungo a naga kgotsa mmopo le legapu. Nipho o batla go fa nkoko sengwe se se kgethegileng.
Buka e ka nna maleba, a gone nkoko o itse go buisa? A fa nkaya kwa mmolong ke tla bona sengwe?
"A re mo direleng kgetsana, go bolele Nipho a ngeba. Kgetsana e kgolo e e tiileng ka lesela la denim".
Mme o ntsha lesela le a le rekileng kwa lebenkeleng. O simolola go ala lesela fa godimo ga paterone mme a simolola go sega.
O simolola ka matlhakore a mabedi a magolo.
Go bo go latela a mannye goe dira gore e lebege sentle. Nipho o a mena mmogo le a magolo. o lebelela mme fa a tsaya paterone gape.
O sega matlhakore a mabedi a kwa tlase a a tla dirang gore kgetsana e tie. Nipho o a mena, mme ene o tsaya patrone gape.
O sega matshwaro a matelle a a sephara. A mabedi a tla rokellwa gongwe gore matshwaro a tie tota.
Mme o ntsha mochine wa go roka mme a rokelela matlhakore otlhe go dira kgetsana ya ga nkoko. O e neela Nipho, mme wa ngeba. "Ke a leboga mme ka kgetsana ya ga nkoko e e botala jwa legodimo".

