Kgetsana e e buang
Caroline Lentupuru
Wiehan de Jager

Nako nngwe go kile ga bo go na le moganka mongwe wa mosadi. Letsatsi lengwe, o ne a tsamaya gaufi le letsha.

O ne a kopana le basetsanyana ba bararo mme a ba botsa jaana, "Ke mang wa lona yo o ratwang ke batsadi ba gagwe ka bobedi?"

1

Mongwe wa basetsana o ne a re, "Mmè o nthata go feta batho botlhe."

Yo mongwe o ne a re, "Rre o nthata go feta batho botlhe."

Mme wa boraro o ne a re, "Batsadi ba me boobabedi ba a nthata."

2

Mogaka o ne a kopa mosetsana yo o neng a ratiwa ke batsadi ba gagwe gore a mo thuse go rwala dikgong.

Ka jalo, mosetsana yono o ne a sala mokaloba yono morago.

3

Ba ne ba tsamaya sekgala se se rileng. Mosetsana o ne a botsa mokaloba yo a re, "Dikgong tsa gago tsa molelo di kae?"

Seganka seo se ne sa araba ka go re, "Di gaufi le ditlhare tseo tse di fa!"

4

Fa ba fitlha kwa ditlhareng, mosetsana o ne a botsa gape a re, "Dikgong tsa gago tsa molelo di kae?"

Mokaloba o ne a araba ka go re, "Ga go kgakala thata!"

5

Ba ne ba kopana le monna mongwe mo tseleng. O ne a botsa mokaloba a re, "Leina la ngwana wa gago ke mang?"

Mokaloba yo o ne a araba ka go re, "O bidiwa kgetsana e e buang."

6

Mosetsana yo o ne a simolola go opela jaana:

Ga ke bidiwe kgetsana e e buang.
Leina la me ke Kaamungei!
Oh! Mmè, yo ke mo ratang.
Oh! Rre, yo ke mo ratang.
Oh! Kgamelo ya me, e ke e dirisang go nwa mashi!

7

Fa monna yo a utlwa se mosetsana yo a neng a se opela, o ne a mo falotsa mme a mmusetsa kwa batsading ba gagwe.

Kgang eno e felela foo!

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kgetsana e e buang
Author - Caroline Lentupuru
Translation - Pako Dick
Illustration - Wiehan de Jager
Language - Setswana (Botswana)
Level - Longer paragraphs