Monna yo o mokhutshwane
Mercy Dennis Ato

Mo motseng o o bidiwang Kalum, gone gona le monna a bidiwa Muha, le fa gone go sena yo a mo itseng.

Batho ba motse bane ba sa morate ka gore o ne a le monnye.

1

Ba mmitsa 'monna yo mokhutshwane.' Seno sa hutsafatsa Muha fela thata.

O ne a tle a nne ka fa tlase ga setlhare sa mango a ipotsa ka fa batho ba senang botsalano.

2

Ka letsatsi lengwe, go ne ga runya molelo kwa sekolong sa motse oo.

Mongwe le mongwe o ne a tshogile mme a simolola go tsenwa ke letshogo.

Muha o ne a nna a ritibetse.

3

O ne a tabogela kwa ntlong ya gagwe ka bonako jo a neng a ka bo kgona.

O ne a tshotse kgamelo e kgolo ya metsi.

O ne a sianela kwa morago mme a tshela metsi mo molelong.

4

Fa Muha a ntse a sianela kwa le kwa, baagi ba bangwe ba motse bane ba moetsa. Molelo o ne wa tima ka bonako.

Baagi ba motse ba ne ba tsholetsa Muha ka boipelo.

5

Batho ba ne ba simolola go bina. Fa ba ntse ba bina, monna mongwe o ne a botsa, "Monna yo mokhutshwane yo o bidiwa mang?"

Muha o ne a araba a re, "Leina la me ke Muha."

6

Batho ba motse ba ne ba simolola go mo goeletsa ba re, "Muha, Muha, Muha."

Go tloga ka letsatsi leo, ga go na ope yo o neng a tlhola a mmitsa 'monna yo mokhutshwane.'

7

Batho ba motse ba ne ba agela Muha ntlo e ntšha.

O ne a nyala mosadi wa mo motseng yo o bidiwang Michine.

Ba ne ba tshela mmogo ba itumetse.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Monna yo o mokhutshwane
Author - Mercy Dennis Ato
Translation - Pako Dick
Illustration -
Language - Setswana (Botswana)
Level - Longer paragraphs