

E ke ntša yame. Leina la yone ke Bobby.
Ke ntša ya go tsoma.
Bobby o rata go tsoma diphologolo tse dinnye.
Gape o rata go tshameka mo bojannyeng jo boleele.
Ka Matlhatso mangwe, Bobby o ne a tswa a le esi go ya go tsoma.
A bona mmutla mo letlapeng.
Molomo wa ga Bobby wa simolola go elela mathe.
Mmutla o ne a bona Bobby a mo lebile.
Mmutla wa tshaba ka bonako jo bogolo.
Bobby o ne a taboga morago ga mmutla.
O ne a akanya fela ka go ja mmutla.
O ne a sa bone mosima o mogolo ko pele.
Bobby o ne a wela mo mosimeng o o boteng.
Mmutla wa taboga go dikologa mosima mme wa nna wa taboga.
Ka lesego, basimane ba babedi ba ne ba utlwa Bobby a bogola, "Woof! Woof! woof!"
Ba tabogela ntlheng ya mosima o mogolo go mo thusa.
"O bokete thata!" ga lela basimane!
Mme ba kgona go goga Bobby mo mosimeng.
E ne e le ntša e e itumetseng thata!

