

Letsatsi lengwe, diphologolo tsotlhe tsa naga tsa kopana go tlhopha kgosi.
Di ne tsa bona gore go ka nna molemo gore ba tlhophe Tau go nna kgosi ya diphologolo.
Mo kopanong eo, di ne tsa rwesa Tau serwalatlhogo sa kgosi ya diphologolo. Jaaka karolo ya moletlo, ba ne ba nna le moletlo o mogolo o o neng wa tsaya beke yotlhe.
Diphologolo tsotlhe di ne tsa nna teng kwa moletlong go fitlha kwa bokhutlong. Di ne di ja, di nwa, di opela ebe di bina.
Fa moletlo o sena go fela, botlhe ba phatlalala. Ba ne ba boela kwa ma lapeng a bone.
E ne e le tlwaelo gore phologolo nngwe le nngwe e ye go dumedisa Tau ka e le kgosi ya bone.
Moeng mongwe yo o neng a tla go dumedisa Kgosi Tau e ne e le Phiri. Fa Phiri a goroga kwa ga Tau, a fitlhela kgosi a le mo dikobong.
Tau e ne ya mmolelela gore, "Ke lwala bolwetse jo bo sa alafegeng."
Phiri a araba a re, "O, Kgosi e Kgolo, o se ka wa utlwa botlhoko ka ntlha ya bolwetse jwa gago. Mmutla o itse kalafi ya bolwetse jo."
Lebaka la gore Phiri a bue jalo ke ka gonne a ne a batla go tsenya Mmutla mo mathateng mo matlhong a Tau.
Phiri o ne a itse gore Mmutla ga a kgone go fodisa Tau.
Tau ya itumela mme ya romela Phiri ka bonako go bitsa Mmutla.
Phiri a taboga go bitsa Mmutla mme a re, "A re ye kwa kgosing, ka gonne o lwala thata. O nthomile go go bitsa."
Mmutla a ya kwa kgosing. "Ke tlile, Kgosi e Kgolo! Ke utlwile gore kgosi e a ntlhoka, ka jalo ke tlile," ga bua Mmutla.
Tau a araba a re, "Ke itumela mo go feteletseng go go bona o le gaufi le nna, Mmutla wa me. Nna ka bonna ke go biditse, ka botshelo jwa me bo lepeletse ka tlhale."
Ke na le bolwetse jo bo sa alafegeng. Mme Phiri o ntshebaeditse gore o na le kalafi ya bolwetse jo jwa me."
Mme Mmutla a araba a re, "O bua nnete, Kgosi Tau. Ke kgona go fodisa bolwetse jo. Mme melemo e thata tota go e bona."
Tau a araba a re, "O seka wa tshwenyega Mmutla, ka gore molemo o o thata go bonwa. Nonyane e e fofang ke yone e e tshwarwang. Tla jaanong, o re bolelele ka molemo o!"
Mmutla a re, "Ao Kgosi yame, fa ke re molemo o thata go bonwa ga ke re o kgakala.
Gore o fole ka bonako, o tshwanetse go dira setlolo se se tswang mo pelong ya phiri."
Fa a utlwa jalo, Phiri a simolola go roroma mmele otlhe. E ne e le ene yo o neng a boleletse Tau gore Mmutla o itse melemo ya bolwetse joo.
Go ne go sena mosola gore jaanong a leke go ganetsa Mmutla mabapi le melemo.
Ka jalo Phiri a sia mme a se ka a tlhola a ya go etela Tau gape.

