Botshelo jo bo botoka bo re emetse
Deng Nhial Chioh
Salim Kasamba

Go kile ga nna motlhalefi mongwe yo o tlotlegang. Leina la gagwe e ne e le Mayian.

O ne a na le kgomo e a e ratang thata e ntsho le bosweu. Leina la kgomo ya gagwe e ne e le Mayiankertuut.

O ne a na le lelapa le letona le dikgomo tse dintsi.

1

Ka nako eo, lelapa lengwe la bo dimo le ne la tla kwa Nuerland le batla dijo.

Mosadi wa dimo o ne a amusa masea a bone a mafatlha.

Bo dimo ba ne ba bolawa ke tlala ka gonne ba ne ba sena sepe se ba ka se jang.

2

Mayian o ne a bofolotse dikgomo tsa gagwe gore di ye go fula.

Bo dimo ba bona dikgomo, ba di lelekisa, mme ba tshwara kgomo ya ga Mayian e ntsho le bosweu.

Tshipi ya yone ya kgomo e ne e utlwala e lela go tswa kgakala. Bo dimo ba ne bolaya kgomo mme ba simolola go e ja.

3

Banana ba motse ba ne ba tla ba taboga go tla go tsaya dikgomo.

Ba bona bo dimo ba ja kgomo. Ba ne ba latlhela bo dimo ka marumo mme ba leka go di bolaya.

Mayankertuut a goroga. O ne a tshwere thebe le dibetsa.

4

Mayiankertuut o ne a khubama mme a bona dimo ya mme e amusa mawelana a yona.

O ne a thibela banana gore ba se ka ba ba bolaya.

A re, "Ba tlogele, ba je kgomo yame. Ke tlala ya mme yo o amusang! Botshelo jo bo botoka bo re emetse pele."

5

Banana ba ne ba utlwa kgakololo ya ga Mayiankertuut. A ba raya a re, "Phuthanang tshipi ya kgomo le dithapo. Di ise kwa kampeng ya dikgomo. Tlogela nama gore bo dimo ba e je."

Bo dimo ba ne ba itumetse ka ntlha ya se Mayian a neng a se dirile.

6

Morago ga dingwaga , Mayian le banna ba le batlhano ba ne ba tsaya loeto go ya kwa nageng e e kgakala, ba ya go batla dithutlwa.

Fa ba goroga, pula e ne ya simolola go na thata. Ba ne ba tabogela kwa lefelong la dikgomo mme ba robala koo.

7

Bodulo jo jwa dikgomo e ne e le jwa dimo!

Dimo o ne tsamaya bosigo joo go ya go itsise bo dimo ba bangwe.

A ba raya a re: "Mo lefelong la me, go na le banna ba le barataro ba Modimo a ba tliseditseng kwa go rona. Tlang lo leme tshimo ya me. Morago ga moo, re tla ba ja."

8

Bo dimo ba ne ba goroga go sa le phakela thata.

Ba ne ba tlatsa megopo e megolo ka metsi a a belang, ba ipaakanyetsa go ja banna.

Gareng ga bo dimo ba ba neng ba tla, e ne e le yo o neng a ja kgomo ya ga Mayian. Mayian o ne a mo pholosa le ba lelapa la gagwe bogologolo.

9

Dimo yo Mayian a neng a e pholositse e ne ya tsena mo lefelong la dikgomo la mong wa tshimo.
O ne a lemoga Mayankertuut mme a goa a re, "A o Mayankertuut?"

"Ee, ke nna!" ga araba Mayian.

10

"Ka jalo, ke wena yo re neng ra bolelelwa gore re mo je morago ga go lema tshimo," dimo a nyenya.

Dimo a botsa bo dimo ba bangwe, "A go na le mongwe yo o sa itseng mafatlha a me?"

"Nnyaa, ga ayo," ga bua mong wa tshimo.

11

Dimo o ne a ba bolela kgang, "Bogologolo, nna le mosadi wa me re ne ra ja kgomo e e ratwang ke monna yo. Fa banana ba motse wa gagwe ba ne ba tla go re bolaya, o ne a re sireletsa."

Fa e ne e se ka thuso ya monna yo, nna le mosadi wa me re ne re tla bo re sule."

12

Bo dimo ba ne ba golola Mayian le banna ba bangwe ba le batlhano.

Dimo e Mayian a neng a e bolokile e ne ya ba laletsa kwa legaeng la gagwe.

Banna ba ne ba newa dijo mo dijaneng tse disha mme ba neelwa dikgaba tse di neng di ise di ko di dirisiwe pele.

13

Banna le bo dimo ba ne ba fetsa bosigo jotlhe ba tlotla.

Dimo one a ba botsa, "Ke eng se se lo tlisitseng kwa lefelong la bo dimo?"

Ba araba ba re, "Re tsile re batla megatla ya thutlwa. Re e dirisa go dira dibaga le maseka."

14

Mo mosong, dimo le bana ba yone ba ne ba ya go tsoma dithutlwa. Ba ne ba tlisa megatla e mentsi ya thutlwa kwa go Mayiankertuut le ditsala tsa gagwe.

Fa Mayian a setse a ipaakanyetsa go tsamaya, dimo le bana ba gagwe ba ne ba tsamaya le bone go ya kwa Nuerland.

15

Fa ba goroga kwa gae, ba ne ba bolelela mongwe le mongwe ka kamogelo ya bo dimo. Bana e ne e le bone bo dimo ba Mayiankertuut a neng a ba sireletsa kgale, tse di sireleditseng Mayian le ditsala tsa gagwe gompieno.

Gakologelwa ka metlha, botshelo jo bo botoka bo re emetse. Ke gore, 'Se se dikologang, se a tla.'

16
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Botshelo jo bo botoka bo re emetse
Author - Deng Nhial Chioh
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Salim Kasamba
Language - Setswana (Botswana)
Level - Longer paragraphs