Letsatsi le le tshwaregileng ka metlha
Mimi Werna
Joe Werna

Letsatsi le tlhaba mo mosong, ka fa letlhakoreng la botlhabatsatsi.

Ke utlwa mokoko o lela ka mahube.

1

Letsatsi le tsamaya mo godimo ga lefelo la ga Terfa pele ga dijo tsa mo mosong.

Ke utlwa monko wa bier le akpupa o latela letsatsi go ya kwa letlhaba phefong laaka.

2

Letsatsi le tsamaya ka fa morago ga setlhare ko sekolong ka nako ya dijo tsa motshegare.

Go tswa foo le goroga mo mogobeng o o fa gare ga lebala la metshameko.

3

Letsatsi le ema fa godimo ga tlhogo ya me. Moriti wa me o ema fa thoko ga me.

Ke tshameka motshameko wa moriti le ditsala tsa me.

4

Moriti wa me o a gola, o bo o nna monnye. Re a o tabogela.

Moriti wa me o nna moleele, morago o nne mokhutshwane. Re a o tabogela..

5

Ke eme, ditsala tsame di eme. Re bona meriti ya rona e reketla.

Re a lapa mme re boela ko ntlong ya borutelo. Morago ga sekolo, re boela lapeng.

6

Letsatsi le a edimola.

Ke bona letsatsi le phirima ka iketlo ko bophirima. Ke bona moriti wa me mo leboteng.

Ke nako ya go robala.

7

Letsatsi le phirima ka fa morago ga maru.

Ke robala mo bolaong jwa me, ke lora letsatsi le tsamaya kgakala.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Letsatsi le le tshwaregileng ka metlha
Author - Mimi Werna
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Joe Werna
Language - Setswana (Botswana)
Level - First paragraphs