Monang o o tenang
Ursula Nafula
Magriet Brink

Kokota! Kokota!

1

"Ke mang yo o leng teng?" Ke botsa ke otsela.

2

"Ke nna," lentswe le le tshosang le rialo.

3

"'Nna' ke mang?" Ke a botsa.

4

"Ke go boleletse, ke n-n-a," lone lentswe leo le rialo.

5

"Ga ke itse ope yo o bidiwang, 'n-n-a," ka araba jalo.

Ke tlhola gore a letlowa la me la monang le tsentswe go dikologa bolao jwa me.

6

"Leina la me ke Amos."

Lentswe le utlwala le tlhotlhorega go feta pele. E gaufi thata le tsebe ya me.

7

"Amos mang?" Ke botsa jalo ke lebile ka fa tlase ga letlowa.

8

"Amos Quito," lentswe le feleletsa le rialo.

Ke utlwa ke longwa mo tsebeng.

9

"Ishi!" Ke tlolela ko godimo ke bo ke simolola go batla.

"O tsile go duelela se!" ka goa.

10

Ke tshakgalo, ke tswa mo bolaong ke bo ke tshuba lebone.

11

Ke bolotsa ntwa mo go Amos Quito yo o tenang!

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Monang o o tenang
Author - Ursula Nafula
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Magriet Brink
Language - Setswana (Botswana)
Level - First sentences