Ntlo ya Peba
Michele Fry
Amy Uzzell

Peba o ne a batla ntlo e ntšha.

1

Se se lebega jaaka ntlo e ntle.

2

"O ka tla wa robala le nna," ga bua Ntšanyana.

"Ke a leboga," ga bua Peba.

3

Bosigo joo, ditoro tsa ga Peba di ne di bontsha go tlola-tlola e bile di le seretse.

4

"O ka tla wa robala le nna," ga bua Papagae.

"Ke a leboga," ga bua Peba.

5

Bosigo joo, ditoro tsa ga Peba di ne di le modumo e bile di le tlhaga.

6

"O ka tla wa robala le nna," ga bua Tlhapi.

"Ke a leboga," ga bua Peba.

7

Bosigo joo, ditoro tsa ga Peba di ne di le tsididi e bile di le metsi.

8

Peba e ne e tlhoka lefelo le le bothitho le le le omileng.

9

Peba o ne ya ko lefelong le le bothito.

10

Peba o ne a bona shelofo ya dibuka gaufi le foo.

11

Bosigo joo, Peba o ne a lora ditoro tse di bothitho le tse di itumedisang.

Robala sentle Peba.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Ntlo ya Peba
Author - Michele Fry
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Amy Uzzell, Jennifer Jacobs
Language - Setswana (Botswana)
Level - First sentences