

Adun o ne a le montle thata. Banna botlhe ba motse wa gagwe ba ne ba batla go mo nyala.
Mme Adun o ne a di gana tsotlhe.
Letsatsi lengwe la mmaraka, monna mongwe o ne a adima maoto mo monneng yo mongwe, le matsogo mo go yo mongwe, le mmele mo monneng wa boraro.
Monna yo o ne a kopanya dikarolo tsotlhe mmogo. A baya tlhogo fa godimo a ya marekisetsong.
Monna yo o ne a batla Adun mme o ne a ikemiseditse go mo nyala. Adun o ne a itumedisiwa ke tebego ya gagwe. O ne a batla go nna le ene.
Monna yo o ne a tswa kwa toropong e e kgakala, mme Adun o ne a ikaeletse go boa le ene.
Fa Adun le monna ba ntse ba tsamaya go ya ko lefelong la gagwe, mong wa maoto o ne a busetsa maoto. Ke fa mong wa matsogo a tsaya matsogo a gagwe.
Ko pheletsong mong wa mmele a o tsaya.
Go ne ga sala tlhogo fela, tlhogo ya tswelela. Adun o ne a tshogile mme a se ka a tshaba.
Ba goroga ko ntlong ya tlhogo.
Moso o o latelang, pele ga tlhogo e ya ko polaseng ya gagwe, o ne a bua le Khudu.
"Fa Adun a ka leka go tshaba, letsa lenaka le go mpolelela," ga bua tlhogo.
Fa tlhogo e sena go tsamaya, Adun o ne a phutha dilo tsa gagwe. Go tswa foo o ne a simolola go tshaba.
Fa a mmona, Khudu a letsa lenaka, "Tlhogo, tlhogo, Adun o tloga a tshaba," Khudu a budulela.
Tlhogo ya tlhatlogela kwa go Adun ya re, "O akanya gore o ya kae?"
Adun a boela kwa ntlong ya tlhogo.
Kgabagare Adun o ne a buisana le moitseanape gore a dire eng.
Moporofeti a gakolola a re, "Tsamaya o ye go reka dikuku tsa dinawa. Di ine mo mafureng a palema mme o di tsenye mo lenakeng la Khudu."
Adun o ne a dira ditaelo tsa motlhodi wa boitseanape. O ne a tsenya dikuku tse di mafura mo lenakeng.
Letsatsi le le latelang, o ne a tsaya dilo tsa gagwe mme a simolola go sia gape.
Fa Khudu a tsaya lenaka go le letsa, dikuku tse di monate tsa dinawa tsa wela mo molomong wa gagwe.
Khudu e ne ya ja, ya ja ya bo ya ja.
Mme Adun a kgona go sia.

