

Nako nngwe, go ne go na le mosadimogolo mongwe yo o neng a rata setlogolo sa gagwe thata. O ne a mo neela lee e le mpho.
A re, "Go tswa mo leeng le o tla bona khumo ya monyadiwa ya lenyalo la gago fa o godile."
Mme mosimane a tswelela ka tsela ya gagwe.
Sa ntlha o ne a kopana le batho bangwe ba ba neng ba phutha maungo a monokotshwai ba ba neng ba mo kopa lee.
Ba ne ba le dirisa go thuntsha diberi mme la thubega.
Mosimane a lela a re, "EiEiEi! O ntiretse mathata! Lee e ne e se la me. E ne e le la ga nkoko. Mme nkoko ga a ka a le mpha mahala. O ne a le mpha gore ke bone khumo ya monyadiwa."
Ka jalo bakgobokantshi ba maungo ba ne ba mo neela thobane e ba neng ba e dirisa go folosa maungo.
Mme mosimane a tswelela a tsamaya.
Morago ga moo, mosimane o ne a kopana le baagi bangwe ba ba neng ba mo kopa thobane ya gagwe.
Ba ne ba e dirisa go aga ntlo mme ya thubega.
Mosimane a lela a re, "HeeHeeHee! O ntiretse mathata! Thobane e ne e se yame, e ne e le ya baphuthi ba monokotshwai. Mme ga ba a mpha lefela. Ba mphile yone mo boemong jwa lee lame." Lee e ne e se la me. E ne e le la ga nkoko.O le nneetse gore ke bone khumo ya monyadiwa."
Ka jalo baagi ba ne ba mo neela ngata ya bojang gore a kgone go rulela ka jone.
Mme mosimane a tswelela tsamaya.
Mosimane o ne a bona modisa yo o neng a kopa ngata ya bojang jwa mosimane .
Modisa a e neela kgomo mme kgomo ya bo ja botlhe.
Mosimane a lela a re, "EEE! O ntiretse mathata! Bojang e ne e se jwa me. E ne e le jwa baagi. Baagi ga ba a bo mpha lefela. Ba thubile thobane ya me. Thobane e ne e se ya me. E ne e le ya me go baphuthi ba monokotshwai.Mme ga ba a mpha lefela Ba ne ba le mpha mo boemong jwa lee la me E ne e le la ga nkoko. . O nneile yone gore ke bone khumo ya monyadiwa."
Ka jalo modisa a neela mosimane kgomo ya gagwe.
Mme mosimane a tswelela a tsamaya.
Fa a le mo tseleng a boela gae, mosimane o ne a kopana le moletlo wa lenyalo. Ba ga ngwetsi ba ne ba mo kopa kgomo ya gagwe.
O ne a ba e neela. Mme ba e tlhaba ba e ja yotlhe.
Mosimane a lela a re, "EiEiEi! O ntlhotse mathata! Kgomo e ne e se yame. E ne e le ya modisa. Modisa ga a ka a e mpha lefela. O e mphile mo boemong jwa ngata ya me ya bojang .Bojang e ne e se jwa me Baagi ba ne ba sa bo mpha lefela Thobane e ne e se ya me.. Ba ne ba le mpha mo boemong jwa lee la me. E ne e le la ga nkoko.Nkoko ga a ka a mpha ntle le lefela. O nneile yone gore ke bone khumo ya monyadiwa."
Ke fa ba lelapa la monyadiwa ba re: "Ga re na sepe se se ka go duelang. Mme a re go neye monyadiwa."
Mme ka jalo, polelwana e ne ya diragala ya gore, "Se se dikologang se a dikologa!"

