

Fa Akai a ne a sa ntse a le mosetsanyana, mmaagwe o ne a tle a mo robatse mo mmeteng o montle.
Rakgadi wa ga Akai o ne a dira mmete yo o kgethegileng ka matlhare a mokolane.
Mmete o ne o na le mebala e e galotseng e e pinki, pududu le botala.
E ne e farologana le dimmete tse dingwe tse mmaagwe Akai a neng a na le tsone mo ntlwaneng.
Naga e e dikologileng legae la ga Akai e ne e omile thata, e le mogote e bile e tletse ka matlapa. Go ne go na le diphepheng tse dintsi, digokgo le dinoga.
Mme Akai ga a ise a ko a nne mo kotsing ya go longwa ke ditshedi tse di kotsi tse.
Mmaagwe o ne a re, "Mmete wa gagwe o o kgethegileng o sireletsa Akai mo kotsing epe fela."
Akai e ne e le ngwana yo o botlhale.
O ne a lemoga gore sediba se se seng boteng se se gaufi se ne se le kae.
Akai le ene o ne a itse gore ntlo ya setso ya ga nkokoagwe e fa kae.
Gantsi o ne a ya go nwa mashi a kamela le nkokoagwe.
Letsatsi lengwe, Akai o ne a se lesego jalo. O ne a tsamaya a ya ko ntlong ya setso ya nkokoagwe, mme a timela mo dithoteng.
Akai o ne a tshogile.
O ne a nna ka fa tlase ga setlhare mme a leta gore a thusiwe.
Go ise go ye kae o ne a robala mme a lora.
Se ke se Akai a se lorileng: O ne a robetse mo mmeteng wa gagwe o o kgethegileng. Mosadi mongwe yo o neng a lebega jaaka nkokoagwe o ne a mo lebile. Mosadimogolo a nyenya mme a mo fa mogopo wa mashi a kamela. Fela fa Akai a otlolla letsogo go tsaya mashi, o ne a tsoga.
Akai a bula matlho ka bonya.
Fa a leba kwa godimo, a bona nonyane e nnye e e botala jwa legodimo mo lekaleng le le fa godimo ga gagwe.
Fa Akai a tsoga, nonyane e nnye e e pududu e ne ya phaphatha diphuka tsa yone mme ya etelela Akai pele.
O ne a sala nonyane morago.
Akai o ne a tla mo lefelong le tsela e neng e kgaogane ka ditsela tse pedi tse di farologaneng.
Nonyane e pududu e ne ya diga karolo ya mmete o o neng o tshwana le mmete wa ga Akai ka boene.
Fa Akai a tsaya karolwana ya mmete, a bona metlhala ya dinao e a neng a itse gore ke ya ga mmaagwe.
Go ise go ye kae o ne a bona sediba se se seng boteng se ba neng ba ga metsi mo go sone.
Lelapa la gaabo Akai le ne la opela le go bina go mo amogela kwa legaeng la gagwe.
Ba ne ba tlhaba podi, ba gadika nama mme ba keteka go boa ga ngwana wa bone a babalesegile.
Akai o ne a nna mo mmeteng wa gagwe o o kgethegileng mme a itumelela go ja nama e kgolo e e gadikilweng.

