

Ke dikgwedi tse dintsi loapi le omile. Lomongin, modirapula yo o tumileng a bua le badimo ba gagwe.
Batho ba kgobokana kontle ga ntlo ya gagwe, ba letetse molaetsa wa tsholofelo ka tlhoafalo.
Fa a tswa a tlhomamisetsa batho gore mmopi o tsile go ba nesetsa pula mo bogaufing.
Ba tla kgona go jala dijalo tsa bone.
Bana ba ne ba tshamekela kwa ntle fa re ntse re emetse dipula.
Moragonyana mo letsatsing leo, re ne ra bona maru a magolo a masweu kwa botlhaba jo bo kgakala. Ke ne ke itse gore ke maru a pula.
Batho ba ne ba santse ba akanya ka se modirapula a se buang.
Mme a goeletsa kwa godimo a re, "Ke gone! Maru jaanong a fifetse. Tsena mo teng."
Pula ya tshologa.
E ne ya tshologa, ya tshologa, ya tshologa!
Re ne re emetse dipula! Kwa tshimologong re ne ra itumela.
Mme dipula ga di a ka tsa ema.
Go ne go na le metsi gongwe le gongwe.
Borogo jo bo golaganyang motse wa rona le nagakgolo bo ne jwa gogolwa ke metsi.
Matlo a ne a gogolwa ke merwalela.
Se e neng e le tshegofatso, jaanong e ne e le masetlapelo mo go rona.
Mongwe le mongwe o ne a ipaakanyeditse go jala. Mme jaanong ba ne ba sa kgone go jala.
Batho ba motse wa gaetsho ba ne ba tlhologelelwa pula. Jaanong ba ne ba sa tlhole ba e batla.
Re ne re sena borogo jo re ka kgabaganyang mo go jone. Ba le bantsi ba ne ba sena magae.
Re ne re na le bothata jo bongwe! Re ne ra bona dikwena di thuma gongwe le gongwe.
Selo se ne se ise se ko se direge pele. Re ne re tlhakane tlhogo.
Re ne re sa kgone go ya go reka ka gonne mabenkele otlhe a ne a le ka kwa ga noka.
Bana ba ne ba sa kgone go ya sekolong ka gore dikolo di ne di le kwa moseja ga noka.
Se se neng se tshwanetse go nna tshegofatso, sa fetoga phutso mo go rona. Lomongin, modiri wa pula, le ene o ne a swaba.
Yo o neng a itumetse fela, e ne e le Kapuus le dikatse tsa gagwe tse robedi!

