Bana ba boka
Southern African Folktale
Wiehan de Jager

Nako nngwe, go ne go nale lelwalpa le le tshelang ka boitumelo.

1

Bana ba teng ba ne sa nke ba lwa.

Ba ne ba thusa batsadi ba bone mo lapeng le ko masimong.

2

Mme ba ne ba se letlelelwe go atumela molelo.

3

Ba ne ba bereka fela bosigo.

4

Ka gore ba ne ba dirilwe ka boka!

5

Mme mongwe wa basimane o ne a eletsa go tswela kontle mo leseding la letsatsi.

6

Letsatsi lengwe tlhologelelo ya teng e ne e gaketse.

Bo kgaitsadie ba mo kgalemela.

7

Ne go setse go le thari!

O ne a nyerologa mo letsatsing le le fisang.

8

Bana ba boka ba lela ba bona kgaitsadiabone a nyerologa.

9

Ba ne ba tswa ka leano.

Ba ne ba bopa boka jo bo nyerologileng ba bo dira nonyane.

10

Ba tsaya kgaitsadiabone wa nonyane ko godimo ga thaba.

11

Jaaka letsatsi le tlhaba, o ne a fofa, a opelela le lesedi la phakela..

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Bana ba boka
Author - Southern African Folktale
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Wiehan de Jager
Language - English
Level - First sentences