Abby le Layla
Tony Lelliott

Abby le Layla ke dintša tse pedi tse di nnang ko Johannesburg.

Tsotlhe di nale dingwaga tse pedi.

1

Di rata go tshameka mo tshingwaneng ya tsone.

2

Abby le Layla di rata go ya ko phakeng.

Ko phakeng di kgona go taboga ka bonako.

3

Di kgona go tlola melatswana ko phakeng.

4

Abby le Layla di rata go taboga di dikologa mo di thabeng.

5

Mo di thabeng, di tshameka le dintša tse dingwe.

6

Fa di goroga ko lapeng, morago ga go taboga, di a bo di lapile fela thata.

Didimala, Abby le Layla di robetse!

7
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Abby le Layla
Author - Tony Lelliott
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration -
Language - Setswana (Botswana)
Level - First sentences