Moloi yo o nnang kgosigadi
Prudence Molwantwa
Lerato Khuzwayo

Dingwaga tse di fetileng, monna o ne a tshela a le mongwe mo sekgweng se se tala.

Mosadi wa gagwe le bana ba ne ba tlhokafetse botlhe..

1

A simolola go ja batho ka o ne a tshwerwe ke tlala.

Batho mo metseng e bapileng le sekgwa se ba ne ba mo tshaba. Ba ne ba rurifatsa gore ga ba tsamaele go bapa le sekgwa sa teng.

2

Letsatsi lengwe, monna a bona mosadi a feta. A tswa mo sekgweng go mo dumedisa.

O ne a kobilwe mo motsaneng mongwe ke kgosi ka gore e ne ele moloi. Mme monna o ne a sa itse seo.

3

Monna a ratana le mosadi.A mo kopa gore a nne le ene mo sekgweng.

O ne a itumeletse go nna le molekane gape, mme tlala ya go ja batho e ne santse e le teng.

Moso mongwe, mosadi a direla monna tee.

4

Go ne go nale sengwe se se pharologanyo ka tee e. E ne e le bohibidu jwa madi" Ke eng tee e le khibidu jaana?".monna a botsa.

"E tla go nonofatsa e be o sa bonale. O tla kgona go ya gongwe le gongwe mme ebile o sa go bone," ga bua mosadi.

Monna o ne a itumetse thata.

5

O ne a itse gore o tla kgona go ja batho ba le bantsi jaaka a batla, go sena yo o mo bonang. A nwa tee ebile a e kopa gape. Mosadi o ne a itumelela go mo neela tea jaaka a batla.

Morago ga go nwa tee, monna a wa mo setilong a bo a swa.Moloi o ne a supa mmele wa monna ka thobane ya maselamose o bo o nyelela.

6

Mosadi o ne a iphetola mosadi yo o montle. A boela ko motseng.

7

A nyala kgosi e e neng e mo kobile mo motseng.

A nna kgosigadi e e ratiwang mo motseng.

8
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Moloi yo o nnang kgosigadi
Author - Prudence Molwantwa
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Lerato Khuzwayo
Language - Setswana (Botswana)
Level - Longer paragraphs