Mma Mogala
Ursula Nafula
Marion Drew

O bidiwa Mma Mogala.

Batlisisa gore ka go reng!

1

O nale megala e le tlhano.

Moso mongwe le mongwe, o rulaganya megala ya gaagwe mo tafoleng.

2

E e serolwana ke a buang le ba lelwapa la bone ka yone.

3

E e tshweu ke e a buang le babereki ko tirong ka yone.

4

O dirisa e e khibidu go leletsa ba ba mo kolotang ka yone.

5

O dirisa e e pinki go leletsa ditsala kgolo tsa gaagwe.

6

E e phephole ke ye a buang le batho ba ba tlhokang thuso mo go ene.

7

Mma Mogala o rata fa batho ba nna ba itumetse.

Ga a rate go lwa.

8

O letlelela bana ba lebelela sesupaditshwantso mo lebenkeleng la gagwe.

9

O etela balwetsi le batsofe ko malwapeng a bone.

10

Fa a feta, batho ba goa bare, "Mma Mogala! Mma Mogala!"

11

O a itumela a bo a re, "Ke Mma Mogala!Ke fa, bona megala yaaka!"

Ke Mma Mogala le megala ya gaagwe e e tlhano.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mma Mogala
Author - Ursula Nafula
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Marion Drew
Language - Setswana (Botswana)
Level - First sentences