

Luwo o ile kerekeng le mmaagwe.
O ne a tshwere seatla sa gagwe mo tseleng .
Mo teng ga kereke go ne go nale batho ba le bansti.
Ba ne ba opela.
Luwo o ne a tswa mo kerekeng.
Mmaagwe ga a mo bona fa a tswa.
Luwo a ema mo tseleng.
O ne a lebeletse tsela, a ipotsa, "Ntlo ya a ka e kae?"
A sala tsela morago. A bona ntlo e tona.
"Nyaa e ga se ntlo ya rona. Ntlo ya rona nyenyane."
Luwo o ne tswelela a tsamay. A bona ntlo mo ditlhomesong.
"Nyaa e ga se ntlo ya rona. Ntlo ya rona ga e mo ditlhomesong."
A tswelela a tsamaya. A bona ntlo e nnye ya lotlhaka.
"Nyaa, e ntlo ga se ya rona. Ntlo ya rona e nale mabota a seretse."
Luwo a ya ko pele. A bona ntlo e nnye e nale setlhare ko ntle.
"Nyaa, e ntlo ga se ya rona. Ntlo ya rona e nale ditlhare tse pedi ko ntle."
Luwo a bona mmaagwe a tla ko go ene. Luwo a mo tabogela.
Mmaagwe a bua, "A reye lapeng!"
Ntlo ya ga Luwo ke efe?

