Tsie
Mary Okere
Rob Owen

Letsati lengwe, ra bona leru le le ntsho le atumela.

E ne e le motlhape wa tsie, o tla o lebagane le motse wa rona.

1

Tsie ya tlhasela ditshimo, ya ja dijalo tsotlhe.

2

Re lekile go koba tsie.

Mme e ne ya nna fela.

3

"Wuwi, wuwi!" Re ne ra dira modumo re goa.

Mme tsie ya nna fela.

4

Ra itaya dithini le dipitsa.

Mme tsie ya nna fela.

5

Ra gotsa molelo go koba tsie.

Mme tsie ya nna fela.

6

Tsie e ne ya ikala mo ditlhareng.

Dikala di ne di robega ke lebaka la bokete jwa tsie.

7

Ra gakologelwa gore tsie e e gadikilweng e monate go ka jewa!

Mongwe le mongwe a tsaya tsie kana dikgetsi le matlowa.

8

Bana ba ne ba tla ka magapu a a omisitsweng, ba a tlatsa ka tsie.

9

Re ne ra besa ebe re gadika tsie. Le go e omisetsa nako ya mariga.

Mme, tsie e ne e ntse e le ntsi.

10

Letsatsi le le latelang, tsie e ne ya sia.

Leru la tlogela motse wa rona.

11

Balemi fa ba leba, ba goela ko godimo, "Ditshimo tsa rona di senyegile!"

Banni ba motse ba lela, "Re a go ja eng? Tsie e re tlogeletse eng."

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Tsie
Author - Mary Okere
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Rob Owen
Language - Setswana (Botswana)
Level - First paragraphs