Mosadi-wa bobedi yo o lefufa
Mary Narebon
Jacob Kono

Go ne go nale basadimmogo.

Ba ne ba nna mmogo le monna wa bone.

1

Botlhe ba ne ba sena bana mo nakong e telele. Mosadi wa ntlha o ne a ima.

O ne belega ka nako e monna a ne a seyo mo lapeng ka yone.

2

Mosadi wa-bobedi o ne fufegela mosadi wa ntlha le lesea la gagwe.

A akanya go bolaya mosadi wa ntlha gore a kgone go nna le monna a le nosi.

3

Ka nako eo, batho ba ne ba sa apee dijo. Ba ne ba di ja di sa butswa.

4

"Ke tla apay adijo gore ke kgone go tsenyetsa mosaid wa ntlha botlhole."ga bua mosadi wa-bobedi.

O ne a dumela gore dijo tse di buduleng di ka bolaya motho.

5

O ne apeela mosadi wa ntlha matsatsi a le mantsi.

Mme, go nale gore a swe a itekanela le go feta ka go ja dijo tse di apeilweng.

6

Fa monna a boa, o itlhetse lesea le mosadi wa ntlha ba itekanetse le dijo di apeiwa.

7

Monna o ne a makaditswe ka kapeo ya dijo a botsa gore "Ke mang yo o go rutileng go apaya!"

Mosaid wa-bobedi a sebetsa monna are, "Ke apaya gore ke tsenyetse mosaid wa ntlha botlhole."

8

"Ke nale lefufa la gore o nale ngwana mme nna ke sena ngwana.Ke belaela gore o tsile go nkoba."

9

Monna o ne a tenega, a mo kgalemela, "Lesa go nna le tlhaloganyo e bosula."

10

Monna o ne a bitsa basadi ba gagwe, a tlisa kagiso mo go bone.

11

Ba dumalana go apaya dijo ka di ne dira gore ba itekanele.

Go apaya go simolotse jalo!

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Mosadi-wa bobedi yo o lefufa
Author - Mary Narebon
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Jacob Kono
Language - Setswana (Botswana)
Level - First paragraphs