

Kombe le Juma ene ele baagisanyi.
Ba ne ba itirela sengwe le sengwe.
Ba ne ba eletsa go nna le tonki.
E ka ba kukela dithoto.
Kombe are, "A re reke tonki mmogo."
Ba ne ba itumetse.
Fa rragwe Kombe a tlhokafala, Kombe tsaya boswa.
A lebala Juma.
Kombe o ne a batla go jesa ntša tonki .
Juma o ne tlhoka tonki go bereka.
Moatlhodi are, "Le ka kgaogana tonki."
Kombe a bolaya tonki.
Juma a sokola a le mongwe.
Kombe o ne a batla go fisa ntlo a aga e ntšha.
Juma are, "Le yame e tsile go sha."
Moatlhodi a dumalana le Kombe.
Ntlo ya ga Juma e ne ya sha.Moatlhodi a re,"Kombe o fisitse ntlo ya gagwe."
Juma o ne a sena tonki, a sena ntlo. A robala ko tlase ga setlhare.
Juma o ne a bereka ka thata. O ne a nale dijalo tsa dinawa.
Basimane ba ga Kombe ba ne ba ja dinawa tsa tshimo ya ga ga Juma.
Basimane ba re, "Kopa rre a go duele dinawa tsa gago."
Juma are, "Ga ke batle madi a lona. Ke batla dinawa tsame."
Moatlhodi a bolelela Juma, "Ba sege mala. O ntshe dinawa tsa gago"
Juma a gana go reetsa. Kombe a lela, "A bagolo ba tsee tshwetso."
Bagolo ba bolelela Kombe gore, "O bolaile tonki. O fisitse ntlo."
Ba bolelela Juma gore, "Go bolaya bana ba ga Kombe ga go a siama le gone."
Kombe a fa Juma bogare jwa dithoto tsa gagwe.
Ba tshela ba itumetse.

