Bohibidu
Reviva Schermbrucker
Sue Kramer

Mme o tshela metsi mo kgamelong e khibidu.

1

Abongile o tshameka ka teraka e khibidu.

2

Deon o tshwere malomo a mahibidu.

3

Mmamane o apere jesi e khibidu.

4

Letsatsi le le hibidu le fa godimo ga ga ntatemogolo.

5

Go nale sekuta se se khibidu se se emeng mo mmileng.

6

Mokgantitshwane o mohibidu o mo diropeng tsa ga Babalwa.

7

Setimamolelo se se khibidu se kwa seteišeneng sa molelo.

8

Sibahle ke yo o apere sekipa se se khibidu.

9

O itekanya dibutshe tse di khibidu.

10

Ga di mo lekane!

11
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Bohibidu
Author - Reviva Schermbrucker
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Sue Kramer
Language - Setswana (Botswana)
Level - First words