Kotlhao
Adelheid Marie Bwire
Melany Pietersen

Letsatsi lengwe, Mme o ne a reka maungo ka go farologana.

1

"Re ka ja leng maungo?" ra botsa.

"Re tla ja maungo
bosigong bono," Mme a bua.

2

Kgaitsadiake Rahim o bogagapa .

O latswitse maungo otlhe. O jele a le mantsi.

3

"Bona se Rahim a se dirileng!" ga goa nnake.

"Rahim ga a utlwe ebile o a timana," ka bua.

4

Mme o ne a tenegetse Rahim.

5

Le rona re ne re tenegetse Rahim.

Rahim o ne a sena kutlobotlhoko.

6

"A o ya go otlhaya Rahim?" nnake a botsa

7

"Rahim, o tsile go ikotlhaya kgantele," Mme a mo tlhagisa.

8

Rahim a simolola go sa ikutlwe sentle .

9

"Mpa yame e botlhoko," ga seba Rahim.

10

Mme o ne a itse gore ke eng Rahim a lwala.

"Maungo a otlhaya Rahim," a akanyetsa.

11

Kgantele, Rahim a ikopa maitshwarelo. "Ga nkitla ke nna bogagapa gape,"a solofetsa.

Ra mo dumela.

12
You are free to download, copy, translate or adapt this story and use the illustrations as long as you attribute in the following way:
Kotlhao
Author - Adelheid Marie Bwire
Translation - Kutlwano Pascaline Mosweu
Illustration - Melany Pietersen
Language - Setswana (Botswana)
Level - First sentences